Leboko la ga Kgosi Montshiwa

Re kile ra ineelela ditšhaba,Ra ineela, ka letshego merafe;SejaNkabo a sale mmotlana,A sale mo tharing ya Sebodio;Ke mmonye a tlhatlosa motho lekgabana,A mo pega lentswe la GaKhunwana tlhogo,A na le mmaba a ya go bolawa;SejaNkabo a Tawana!

Leboko La Kgosi Sekgoma a Kgari

Re epele letsholo RamfabathoWa ga Madieletsa wa ga SenyareloRe ye go dika majwe a bo PhalapyeRe dike mafatho a bo TaukgoloE bo phologolo di tlhajwe ka dikgotshaneTlou di tlhajwe ka dikwati Go tlhabiwe bo Malwale ba batonaE re kobe di sale kwa digopongKwa digopong tsa ga RamphašanaMogatsa Goakileng tloga thataTloga thata o rake motse, MokokoMotse … Read more

Leboko la Molefi Molobye (Mathetshwaana)

Nna ke nna Ramebila,       Ramebila a Matsietsa KgopeO ntseng gotwe basimane ba BakgatlaBa nyetse go setse Ramebila,Kante le ene ga a sala o tla nyala.Ke kgagarapa phelehu, e mphikelaO ne o thetse ka nko fela,                  Ka dintlha tsa go ka hularelwa.Ke setsepatsepa sa selo lebelo,Tsipatsipa kwa ga Mmanape-Tshukudu.Erileng go sa, phalafala ya marumoYa kgelebetega kwa thabeng … Read more

Leboko la Kgosi Sekete

Ke nna Sekete se modumȏSeketemela dichaba tsa Phokeng,Ga Mmanape-a-tshukuduErile go twe o tlhabile Segopa KgadikidikiMagosana a ipela are:Sekete o hule re tla robala.Erile go twe o dule fa lapeng,Ba têma mekokotlo ba re:         Sekete re a be re tla go mo tshabela kae!A re ngwana-a- Mmapya a koba tshukudu,Makgale ke ênê a sa mo tshabeng,Ga a … Read more

Leboko la Kwa Mokotedi (Kgopane)

Ake mosimane wa gaabo Pharitlhe ke lesogana,Ake motho wa gaabo MphapharitlheO ntseng  a re kwalang kapele di a feta,‘Tlhaka la noka, ngwana ga Magakwe-a-MokotediA sose mpya, e itse motswalo,                Ke bone e sianela Mokotedi,Nna le ge ke sepila, ke montle,Ke tshwaana le Magakwe wa ga Kwalang. Metswedi ya leboko: Kgoroeadira, K.O. (1993) The Praise Poetry Of … Read more