Are ke Tau ya Maganelwa, Nkgakganthe Seokama Dichaba,
Kwena e ntsho e kwa Direpotsane
Phokeng ga Mmanape-a-Tshukudu.
Are ke tlhaga ka Borwa ke duma
Ke tsietsa maapara-nkwe,
Ke be ke tsietse le magosana a itumetse.
Are nna Lebone la Bafokeng,
Nna le nnake re tlogetswe ke rre
Re le masiela a Bafokeng,
Ra gola ra kokomaga
Ra ba ra ya Modubung le ba bagolo.
Nna Lebone la Bafokeng,
Setlogolo sa Bapo, dikgomo ke gama metlhape,
Ke gape mebala, ke be ke gape tsa gaabo Ratsie-a-Bapong.
Ba re kgomo tshwaana kwa Mmamerotswe,
Pula ya duma, ga ba duma
Letlapa le le kwa Moretele.
A re kgosi Lebone ga ke ipee mebala,
Ka ke tswe ke tlhodilwe ka mebala,
Ke le seapara-nkwe Tilodi ya magaga.
Phokeng ga Mmanape-a-Tshukudu.
Kgosi Lebone ga ke go boke ke a go dumedisa.
Ga nkabo ke go boka,
Nkabo ke go bolelela ke re;
Dilo di mo metsing di methalo
Ga re ga tsona ke Kgosi Molotlegi
Pula, Pula, Pula Bakwena.
A ene matsorotsotsoro
A re ke nna mosimane-a-Lehurutshe,
Modisa-a-ga-Kgosi Lebone.
Metswedi ya leboko: Kgoroeadira, K.O. (1993) The Praise Poetry Of The Bafokeng Of Phokeng.