Leboko la Batsweng/Batshweneng

Ke Batshweneng ba ga TshipanaBoo-Nkwana-ya-magosiRe bommina-Tshwene monaiwa-mmelengMakopong ga ke naiweKe batho ba ga Thipa-nkgaodisa ke loditswe ka bogaleKe Batshweneng ba goo-Nkwana-ya-magosi batho baKe batho ba ga Matshelaganyane a tshelaganya ditselaA thiba dinokwanaBa re kgomo khunwana tsa BatshwenengBa re di tsaletse kae?Ba re di tsaletse ‘kgageng tsa BatshwenengGa di a jewa ke bophiri-phamolaBa re modisa wa … Read more

Leboko la Batlharo

Bahurutshe ba ga MotlharoBaana-Phofu e tshetlha e e dinakana dintshontshoPhofu e e rile borole bo tsenaBahurutshe ba simolola boherehereMaele a re: Nka mpane ka ipha nagaA ralala dikgwa tsa KgalagadiA ya go gorosa Bahurutshe ‘gageng la ga MoganaYa re borothwe ba goroga Ba bo ba phanyegile malaBangwe ba botsa gore gaetsho re boela leng?Bangwe ba re: … Read more

Leboko la Barolong

Namane tsa ‘Thole, BarolongNamane e ‘naka di matšhopheDi ja mogope di o lalaBatho ba ga Mogogoro-a-losoBa ga GogomelaBabina-tshipi, baana TholoNamane e e thupana-thekengE e reng go utlwa longola e tloleGo bona lorole e tlolele godimoTholo e sa latelweng ka motlhalaE bonwang ka bojang go lalaanaKe ba ga Morara-a-NotoTshipi e ntsho Noto-a-Rolong!

Leboko la Baphoting

Re barwa Seleka sa ga MotlhasediRe batho ba makhurumolola-pitsa-ya-losoBa go tweng noka ya lona ga e pilaE reng e tshelwa go tsolwe ditswaloGo tsenwe ka mmele bodibeng!

Ditso tsa Batlokwa

Ga twe morafe wa Batlokwa ke lekgamu la Bakgatla go tswa kwa tshimologong. Ke morafe o o tlholegang go tswa mo go ngwana wa bone wa ga Tabane le Mathulare, yo o bidiwang Kgwadi. Mo baneng botlhe ba ga Tabane le Mmathulare, Kgwadi o ne a itsege thata ka bogatlhamelamasisi le bobelokgale. Ba ne ba … Read more