Batloung go bolelwa fa e le morafe o kwa tshimologong o dumeleng mo morafeng wa Barolong ka motsi wa fa Magogoe, mongwe wa Barwa-Setlhare, a ne a kgaogana le morafe o mogolo wa Barolong. Barolong ke morafe o mogolo thata mo Aforikaborwa, mme go dumelwa fa bomogoloabone e le Bahurutshe go tswa kwa ga Lowe. Batloung ke Barolong ba ba e rileng go kgaogana le morafe o mogolo, ba ya go ana Tlou. Batloung ba dule mo morafeng wa Barolong ba patagane le Bakaa mo nakong e le nngwe.
Kamano ya Batloung le Matebele
Go dumelwa gore ka ntlha ya fa e rile ka nako e Batloung ba ne ba kgaogana le Barolong ka yone, palo ya bone e ne e le e nnye thata. E rile ka nako ya ditlhaselo tsa Difeqane, ba bo ba gogolwa ke Matebele a ga Mzilikazi ba bo ba ba tlhakanya le bone. Go bolelwa gore se ke sone se se dirileng gore e re kwa bofelong, Batloung ba bo ba dumela fa e le ba morafe wa Matebele. Lekgamu le le neng le eteletswe pele ke Kgosi lekgetho le ne la ikamanya thata le Matebele Ke ka foo le mo diretong tsa bone, ba ipitsa batho ba ga Mzilikazi wa Matebele. Ba kile ba aga kwa Botshabelo ntlha e sele ya boColigny, mme ba fudusiwa ke balemi ba Basweu ka fa tlase ga molao wa Transvaal ba bo ba ya go ba phuaganya kwa Ramatlabama gaufi le Barolong boora-Tshidi – borraabonemogolo-mogolo. Se e kete se ne se tlhotlhelediwa ke gore bangwe ba bannabagolo fa ba ne ba botswa tlholego ya bone, ba ne ba umaka fa ba tlholegile e le ba lotso lwa Barolong boo-Setlhare. Gompieno jaana, kwa Ramatlabama ke bone Batloung ba ba bidiwang gore ke ba ga Shole.
Dintlhana ka ga leboko la Batloung
Le fa leboko la Batloung le itshetlegile thata ka ditso tsa bone ka nako e ba neng ba ipitsa gore ke Matebele, kwa ntlheng ya leboko, go na le mola o o reng, “Pholola-Matlhare”, go rayang gore modi wa bone o kwa Barolong ba ba neng ba buswa ke Setlhare ka nako eo. Tota le kamano ya bone le Bakaa ba go seng ope yo o okaokang gore ba tswa mo Barolong, mo lebokong la Bakaa, go na le mo le tlhagisang gore le bone ke bommina-Tlou. Ga go ise go tlhomamisege gore tota Tlou, Batloung le Bakaa ba kopane le yone kae.