- Go ja motho direthe. – Go Seba Motho.
- Go rothisa mmutla madi. – Go ntsha sephiri.
- Go tsena ka lenga la seloko. – Go nyelela.
- Go raga thokolo. – Go tlhokafala.
- Go betsana ka noga e tshela. – Go ilana.
- Go fatlha magotlo. – Go rota.
- Go roba Motho leoto. – Go imisa.
- Go loma motho tsebe. – Go bolelela motho sengwe.
- Go ja ka mpa tsoopedi. – Go ja thata.
- Go sugela motho thari. – Go logela motho leano le le bosula.
Ke kopa leboko LA bakgatlha le batlhaping.
Dumela Lilian tshedimosetso e teng mo webosaeteng. Bula di link tseno fa:
https://iafrika.org/tn/leboko-la-batlhaping/
https://iafrika.org/tn/leboko-la-bakgatla/
Ke kopa maele a basetsana ba setswana
Ke kopa leele la go ema nokeng le la tii tii pote.
Dumela Kgalalelo. Re tla dira diphatlisiso ra go neya tlhaloso ya lona.