Leboko la Batsweng/Batshweneng

Ke Batshweneng ba ga TshipanaBoo-Nkwana-ya-magosiRe bommina-Tshwene monaiwa-mmelengMakopong ga ke naiweKe batho ba ga Thipa-nkgaodisa ke loditswe ka bogaleKe Batshweneng ba goo-Nkwana-ya-magosi batho baKe batho ba ga Matshelaganyane a tshelaganya ditselaA thiba dinokwanaBa re kgomo khunwana tsa BatshwenengBa re di tsaletse kae?Ba re di tsaletse ‘kgageng tsa BatshwenengGa di a jewa ke bophiri-phamolaBa re modisa wa … Read more

Leboko la Barolong

Namane tsa ‘Thole, BarolongNamane e ‘naka di matšhopheDi ja mogope di o lalaBatho ba ga Mogogoro-a-losoBa ga GogomelaBabina-tshipi, baana TholoNamane e e thupana-thekengE e reng go utlwa longola e tloleGo bona lorole e tlolele godimoTholo e sa latelweng ka motlhalaE bonwang ka bojang go lalaanaKe ba ga Morara-a-NotoTshipi e ntsho Noto-a-Rolong!

Leboko la Baphoting

Re barwa Seleka sa ga MotlhasediRe batho ba makhurumolola-pitsa-ya-losoBa go tweng noka ya lona ga e pilaE reng e tshelwa go tsolwe ditswaloGo tsenwe ka mmele bodibeng!

Ditso tsa Batlokwa

Ga twe morafe wa Batlokwa ke lekgamu la Bakgatla go tswa kwa tshimologong. Ke morafe o o tlholegang go tswa mo go ngwana wa bone wa ga Tabane le Mathulare, yo o bidiwang Kgwadi. Mo baneng botlhe ba ga Tabane le Mmathulare, Kgwadi o ne a itsege thata ka bogatlhamelamasisi le bobelokgale. Ba ne ba … Read more

Ditso tsa Batlhaping

Batlhaping ke morafe o gompieno o fitlhelwang ka diporofenseng tsa Bokonebophirma le Kapabophirima. Morafe o o ana Tholo, mme o bina Tlhapi. Seno se totobadiwa ke setshwantsho sa dinaka tsa Tholo se se fitlhelwang kwa motsemosate wa bona kwa Taung, kwa goora-Maswe. Mo motlheng ono, Batlhaping ba ikgaogantse ditlhopha, e leng Batlhaping boo-Phuduhucwana le boo-Maidi … Read more