Ditso tsa Bakgatla

Bakgatla ke setšhaba se e rileng ya re mo loetong la ditšhaba tsa Batswana go tloga kwa bogareng jwa Aforika, e rile morago ga kgorogo ya Barolong kwa borwa jwa Aforika, go ne ga latela setlhopha se palo ya sone e neng e thiba letsatsi go gaisa, e leng Bahurutshe, Bakwena le Bakgatla. Bone ba ne ba gorogela kwa dikgaolong tsa bogareng jwa borwa-bophirima jwa Trasvaal koo gone e rileng go goroga, ga nna le dikgaogano tse dintsi thata. Bakgatla ke kala ya Bahurutshe e tlogileng nabo go tswa ga Lowe, mme ba ne ba ikemetse ka bosi, ka fa tlase ga moeteledipele wa bone e leng Kgatle.

Kgaogano mo morafeng wa Bakgatla

Go bolelwa gore Bakgatla ba nnile le botlhokakutlwano le dintwa fa gare ga bone tse di tlhodileng gaoganyo e e bakileng go nna teng ga merafe e palo ya yone e fitlhang go robonngwe (9). Pele ga palo e kana ya merafe e e tlholegang go tswa mo setšhabeng sa Bakgatla, e ne e rile ya re fa ba kgaogana le Bahurutshe, ba ikgaoganya makgamu a le mabedi. Go tlogile pele lekgamu la Bakgatla ba ga Kgafela mme ba thibelela kwa Bechuanaland, mme morago ga tlholega morafe wa ga Tabane mme bona ba ya kwa Transvaal.

Seema sa ga Bakgatla ba ga Kgafela se ne sa tswa ditlhopha tse dingwe tse tharo mo go bone, e leng Bakgatla ba ga Mosetlha, Bakgatla ba ga Mmakau le ba-ga-Motšha. E rile ya re kwa bofelong ga nna Bakgatla ba ga Mmanaana ba gompieno ba fitlhelwang kwa nageng ya Botswana. Bakgatla ba ga Tabane e rile go goroga kwa Transvaal, ba ne ba thibelela kwa Magaliesburg. Fa ba fitlha koo ba fitlhetse Bafokeng ba agile koo, mme ba fitlha ba nyalelana. Tabane o ne a nyala morwadia-kgosi ya Bafokeng ba ga kgosi Sebolelaakwena e bong Mmathulare.

Merafe e e duleng mo Bakgatleng ba-ga-Tabane le Mmathulare:

  • Bapedi
  • Makgolokwe
  • Baphoting
  • Batlokwa
  • Basia

Merafe e e umakilweng fa godimo, ke merafe ya ntlhantlha e e neng ya bidiwa gore ke merafe ya Basotho.

Leave a Reply