Leboko la ga Kgosi Kgama (Sekgoma wa Bangwato)

Rramaeletsa wa ga gabo RraditladiNtswe-tshipi joo MmaNkobatsaJoo Mogatsaapi le BalebetseLentswe le ke tlola le le godimoLa tlola la gatisa selo molalaYa re se lela ra itumela felaRa re, ntswe-thipi ke wena o le gotlhileng Lelekantwa le epetse lefikaKgatlhong tsa Mmitle le MphefaneFa go a reng go tsenye majaga a swe otlheRe raya go tsena thaka … Read more

Leboko la ga Kgosi Tshekedi Kgama

Kgomo e tsaletse nageng, tubanaE tsaletse bo-MangolwaneTshetlhana ya ga Kgama le SekgomaKe tiba-ka-tlhako ya ga MmaKgamaBagami ba yone re ntse botlhaleKa re bona e phatlalatsa bakotediE ragile Joni le bo monnaweGa tlholwa go tlabetlabelwa MoloiGo twe Mokhutshwane a re rapeleleKa kgomo ya gabo e letse digoboE letse gabedi nageng thokwanaTipa-mpa ya ga MmaserogolaE mafsi a … Read more

Leboko la ga Kgosi Kgama Sekgoma

Tau e sale e lala e omana le tlouE rile bo osa ya perepetsha tlouYa e thulega ya leba SeshabaneKwa maropeng a ga RramokopoleE rile e boa ya forofotsha makgabanaE tshositse Diloro a KedikilweMokalaka-Serwa o etla a shebaA re, a jaana tau ga e ka ntshware?A fa ga a ka ntshware Kilamolelo?Ke ene mogale yo … Read more

Leboko la ga Kgosi Kgama Mathiba

Mmamathula wa gaka, mfetola-bathoO fetotse bo-Monabjwa basetsanaO betla bo-Matsunyane dirokanaMmamathula yo o magagarapaO kgopo di botswalele bo tsa nare Go ntse go kgobokanngwa dichabaGa phuthwa bo-Tsome morwa TalaoteGa phuthwa le basimane ba leshaneGatwe go otlwe Mogwera yo o thokoRaMolosiwa wa ga Seepapitso a NgwatoMme a tlhoma a iphemela diiteoA fatlha motho ka losi lwa thebe … Read more

Leboko la Bangwato

Dirobaroba tsa Masodi a MphelaDi a robile di sa tla go a lalaTsa sutlha dinamaneE le ‘namane tsoo-NgwatoNamane tsa dikgwaMotlhala ga o bonaleGo bonetse motlhakolanaO leleane tlhagengKau la Mongwato kgalolaLa tÅ¡hotlhwa ke ntÅ¡wa ya kgwaMabolola a ntwengA tswe jaaka lerumoA re go gadima go bonyaMoadira ga a gadimeA bone dira di tlhagaKau leleele ke morwa … Read more