Kgomo e tsaletse nageng, tubana
E tsaletse bo-Mangolwane
Tshetlhana ya ga Kgama le Sekgoma
Ke tiba-ka-tlhako ya ga MmaKgama
Bagami ba yone re ntse botlhale
Ka re bona e phatlalatsa bakotedi
E ragile Joni le bo monnawe
Ga tlholwa go tlabetlabelwa Moloi
Go twe Mokhutshwane a re rapelele
Ka kgomo ya gabo e letse digobo
E letse gabedi nageng thokwana
Tipa-mpa ya ga Mmaserogola
E mafsi a madi kgomo ya batsetse
Re bonye ba a anwa a le mahubidu
Batho ba rile ba ile go siana
Ba rile ba ile go tlhoma lobelo
A tla a tlola ka bone a ba sia
Nonyane e di phofa morwa Boikanyo
A tlola le bone a ba sia botlhe
Itlhaganele le wena, tloga thata
Tloga thata o rake Maletamotse
O sie bo-Joni le bo-Tlhankane
O sie bo-Joni o ye Makgoeng
O latele Rramaeba motlotlegi
Taneele a ye go utlwa dikgang
Dira di rile di saya kwa nageng
Tsa re di fitlha fa gare ga lobala
Modisa wa tsone a bolawa pele
Ra re re fitlha kwa moseja ga Nata
Ga tloga ga rongwa Makobamotse
Ga rognwa batho ba ga Rrantepese
Ba rongwa ditlhola ba ya Bokalaka
Ba ya go bona chaba yoo Rranesosoma
Re ba tlhasetse ka wane le le fa
Dipitsanyana tsa apaa ditlou
Re jele ditau bogale bo seyo
Naa lona lo tlaa shomang, Bakhurutshe?
Lo tlaa shomang, barwa Molebatsi?
Ke yare re bolola re ya go tsoma
Bontsi jwa lona gotwe bo a lwala
Lo lwale maoto, lo lwale dinoka
Morwa-mmusulosa phatla ya tlou
Ya aja taka ya boa le dijabana tsa mabogo
Ka e itsa phata yay one go senyega
Sefatlhogo say one go dira sentsho
Morwa-mmusolosa ke kopa kobo
Ke kopile kgomo, ga o e nneele
Ke kopa sengwe mo pedung ya gago
O oketse Tshowane o mo godise
Naka-ditelele, ngwana wa ga Kgama
A dinaka di tlhabe di ye kgakala
Di tlhabe bo-Matlhodi, di ye kgakala
Ke kokometse kwa morago, ke kwano
Ke apare mokuru o a mpaba
Lona ba lo itsang Kapo go bochela
Lo itsang Kapo go kgetha dinkwe
Kapo o kabo a lesitswe a tlola
Lo a mo itse, ke ngwana wa Mosotho
Ke setshwarwa, o tshwerwe a le monnye
O tshwerwe ke ntsona , ke Matlhatini
Ka mpo o tshwerwe le morwa Mpokane
Chaba di rile di phuthilwe di le kwa
Magosi otlhe a ile go beolwa
Ya rona yone ga yaka ya beolwa
Ya rona ga ya segwa moriri
Tshekedi ke ene o ntseng fela
Tau e ronwa ke seriri e tlhotsa
E ronwa ke kola e le boinyana
Makgonatsotlhe ga a kake a beolwa
Lo mmotse banna ba ga Malela
Lo botse RaSebe o tlaa bolela
Dingaka di a itse o a di thusa
Maloba jale re ile Makgoeng
Go tshabile Kgari, a tshaba merafe
A sala a ithakgatha Mophoting
Tswelang kwa ntle batsala-moroba
Lo bone ka moroba o akga thebe
Ya ntsha tlhogo ya okomela photi
E ntshitse matlho e labile kae?
Ntla matlho a leba kwa Mafikeng
E utlwa fa go phuthegile dingaka
Go biditswe banna ba ga Mosopha
Isang le ene o ba setse morago
O fetile bo-Rratlhaodi Bakwena
O ba fetile mo tseleng ba letse
Ba bile ba boa ba re botsa
Lekokonyana la bana ba basadi
Le lwa e e rerwang mo lwapeng
Ka kwano Lobatse go setse moroba
Go dikgang, go masetla a dintwa
Banna ba teng ba gotlhola botlhe
Bo bile go gotlhotse le yo mogolo
Kana ga re boke motete wa ga Sechele
Ya ga Rraditsebe e e senang mafsi
E e sekang e kgobokanelwa selemo
Ya ga rona tshisa-morokotso
Tshisa-dinapane, morwa Boikanyo
E nowa ke banyana go le mariga
E nowa ke masiela a e kgore
Thiba kgomo di maphaga, modisa wa kgosi
Modisa wa ga Sekgoma tateledi
Puledisa ya batho ba mo tshabile
Ya batho ba rile re a mo ngwegela
O ba fitlhetse mo tsatsing ba sule
Kana ba jelwe ke tau ga re itse
Ba phomeditswe ke mogala wa Nata
Ke kgobe-di-mabu wa ga Boikanyo
Sekgwa se se emeng tau ga se gake
Se se emeng bodile matswantswang
Batho ba feta ka sone ba sianye
Ba feta ka sone ba itlhaganetse
Ka ba abo ba tshaba diphatsa tsa tlou
Dinaka tsa bodile wa kwa kgosing
Bodile e gana metse ya bagale e bapa
Bo Molefe ba bapa le Rramosenyi
Aheelele, monamoganyi wa dintwa!
Mokgaoganyi wa ntsa tsa mafatlha
Namoganya ntsa tsa gago di a lwa
Mabeletoko a ngapana mekokotlo
Ka di bona nama di go setse morago
Batho ba kile ba suga sekgoropa
Ba tshwara tlalo la kgomo, morwa Kgama
La ba palela la lala mo metsing
Le dule mo metsing le sa koloba
Chaba di are di re selo mokgatha
Di are di re selo ke mogogoro
Di bo di raya tlalo la nku le la podi
Rona re raya tlalo la oka tse di tona
La dikubu le ditlou, Mophoting
Ka dichaba di ka utlwa re mmolela
Tsa utlwa re bua mogale o Nata
Re bua ka kgobe-di-mabu, ngwana wa ga Kgama
Lo ka bona di shakgala, dichaba
Ba merafe ba katla ba re bolaya
Ba katla ba thiba tsela Barolong
Ba ka ultwa re bua more o o mitlwa
O mogotlho, o ngapa batho diatla
O ngapile ba ga rona, ba tsapola fela
Ba di raya di fusitse go le mariga
Kwano Tshekedi ga gabo lejabatho
Kwano ga gabo lekometsa-batho
Leruarua le marapo a thata
A a reng go jewa ke ngwana a bopame
A tshotlhwe ke ngwana a dike a sule
Ba gagabo ba dike ba mo leletse
Ba dike ba sekaseka dikeledi
Ba kue ka madi a tletse ganong
Letebele le-tshosa-batho
Le-tlhora-kgofe la ga Mmaserogola
Tlhora-kgofe le itsa batho boroko
Le iditse ba ga rona go ribela
Tau e tlhasela meraka e mentsi
E tlhasela meraka ya barata-dipuo
Nna lefa o feta go itisitswe
O feta boosa ke tlaa robala
Ke tlaa nna ke itulela fela
Ka kese bo-Dingalo bakgotletsi
Ke se bo-Leeme barata bo bua
Pula e duma ka sefako selemo
E duma ka tladi, ngwana wa ga Kgama
Go duma leru la kgwedi ya Phalane
Ba ba nang le matlho batle go bona
Tladi e tloga e tsile go re senya
E tloga e tsile go thuba matlo
E senya metse ya barata-ditaba
E senya motse oora Segokotlo
Ba ga bone ba setse mo dipaleng
Megoma ya bone e fshwele dikara
Naa lo bakgola meno ba tlaa ja kang?
Go ntse go iphorwa ke ditlogolo
Go ikakelwa ke ban aba basadi
Ba re e tlaa re tsie e jewa ba e bone
Ba e tlhokile ba ile Makgoeng
Ba ile go sele, ba tshaba ditlhong
Ba reteletswe ke go tloga malata
Batlhanka b aba fa kgotleng ya kgosi
Ba kgobokanye ka pelo di botlhoko
Ba re ba letile boo Tshosa go tlhatlhela
Ba letile barwa Powane go hula
Bogale bo bo koo Ditlharapeng
Bo bo kwa kgotleng ya Ditimamodimo
Bogale bo bo kook e bo bo kwano
Le nna ke a utlwa ke a tlhatlhela
Ke tla tsoga ke tsile go bo bona
Nna ke mogale wa dintwa, ke tlhabanye
Ke phunya motho ka naka lwa tshududu
Kebe ke gakise batho go phuthega
Ke gakise ba dintlha go bolela
Kgomo e lela kwa tengnyanaateng
E lela kwa nokeng, e na le mang?
Badisa bay one lo ba aloleng
Lo ba time metsi, ga re a ba bitsa
Ba bopeletse bana le Gasetshwarwe
RaSelong lo mo imetse segwana
E letse e ithakgatha thamagana
Kgwebana e e naka lo molema
Naka lo kile lwa tlhaba batsamai
Bo-Mhashwa le ba gagotse megodu
Ga tloga ga iphorwa ke Makalaka
Ga itshwantshiwa le ngwana wa ga Kgama
Ba feta ba kganelwa kwa Mafikeng
Ba ba busa ba sikere manoko
Ba tshotse metsoko e le merataro
Mhashwa re a go itse, o Motswapong
I bina kgope ke morwa Mapulana
Le bo-Senwedi, ke ene mogoloo
Ba tsaya tsela ya Shashe le bo mang?
Lo ye lo bolelele Tumedi mafoko
Bo-Molefe ga ba bolo go tshameka
Tumedi ga a bolo go gotlha mafoko
Segope le ene o tletse bogale
Tshekedi o tla ka mephato ya gagwe
O tloga ka dikenene Maphatshwa
O tla le bo Phethu ba tla go lo tlosa
Ka khutsana tse di tona bo-Baipidi
Nta e tsenye mo kobong ya motho
E tsenye mo kobong ya serukutlhi
Ntla dikaka tsa mo loma a tshaba
A longwa ke ditampana a sie
E kare ka e le modichaba a tsamaya
A leba gag abo a siela ruri
Mme le fa o le tau o le segagapa
O le tau o sena heno-mogolo
O sena ga eno, ke tlaa go boka
Ke tlaa nna ke go bolela fela
Ntswe lame le setse le go tlwaetse
Ke setse ke rata go go ntsha kala
Aheelele, ngwana a motho yo montle!