Leboko la ga Kgosi Kgama Mathiba

Mmamathula wa gaka, mfetola-batho
O fetotse bo-Monabjwa basetsana
O betla bo-Matsunyane dirokana
Mmamathula yo o magagarapa
O kgopo di botswalele bo tsa nare

Go ntse go kgobokanngwa dichaba
Ga phuthwa bo-Tsome morwa Talaote
Ga phuthwa le basimane ba leshane
Gatwe go otlwe Mogwera yo o thoko
RaMolosiwa wa ga Seepapitso a Ngwato
Mme a tlhoma a iphemela diiteo
A fatlha motho ka losi lwa thebe ya gagwe

O sale a o tswela motse Jabane
Jabane wa gaka, tlhaku ja o esi
O tlhaku ja mmotlana Jabane
Kgomo tsetsho di setse di fatlhwa fela
Di fatlhwa jaaka tshupa mfatelo

Modira le mosadi a moje Motshegare
A mo tshabise Ramotlhala yo o dipshwega
Ramotlhala o dipshwega-pshwega Jabane
Mogatsa Mokone sethunya sa ntwa
Go sena ntwa fela, sa dilo tsotlhe
Thunya sa ditau le ditshukudu

Jabane kgosi yo o motlalepula
Le Mere le Ntsetselele a Photi
Ga ba kua ba ntlha ya godimo
Ba kua ba felelwa ke mekgosana
Ba e bona e rotoba, tlou ya Shakge

Tlogang lo eme, tshadi ya ga Jabane
Lo tlo lo bone kwa Jabane o tswang
Lo bona kwa mogolole o tswang
A tla a le mabelebele Jabane
A le mabele a kgomo le a motho

Leave a Reply