Rramaeletsa wa ga gabo Rraditladi
Ntswe-tshipi joo MmaNkobatsa
Joo Mogatsaapi le Balebetse
Lentswe le ke tlola le le godimo
La tlola la gatisa selo molala
Ya re se lela ra itumela fela
Ra re, ntswe-thipi ke wena o le gotlhileng
Lelekantwa le epetse lefika
Kgatlhong tsa Mmitle le Mphefane
Fa go a reng go tsenye majaga a swe otlhe
Re raya go tsena thaka tsa ga Lepemole
Go tsene majaga a ga Machobane
Kobe, sega tholo, tsie ke fitlhile
O rile e tlare e tsile keke ke e gole
Ke e senkele motati wa kgokong
Mme ke e, e letse mo tshimong ya gago
E letse mo bolemeng ja mosadi wag ago
E letse mo tshimong ya ga MmaMotlhasedi
E tsile ka Rramotalane
Tilodi e e lonaka lo hibidu
Banyana ba tsholediwa phetelela
Gatwe fetang lo ye go robatsa tsie
Mme e rile ka e le tsie segongwana
Tsie molome, ba seka ba e bona
E dule mo pitseng ba e suile
Ya phatlalala ba seka ba e bona
Diphoti a di sutlhe matlhakoleng
Dithata di lebanye, o tlaa wela
Dithata di lebanye, re tla tshega
Re tla tsoga re lo bona bo sele
Golo go gatang kgolo ga go gake
Go bonwa ka motlhala wa dikoloi
Go bonwa ke dipitse dintse di kata
Batho ba lelelang Rraperepere
Lo re, Kobe, se fore basepidi
Kobe, se fore batsamaya naga
Wano o aka, o re ke anwa ka photi
Se leke, re a go itse, o Motholong
O setlogolwana sa ba bina mmutla
O bina kgope le morwa Mapulane
Le Senwedi ngwana wa ga Mapulana
O bina photi re thamile re tshega
Manong a a ibang ka fa Shapane
Ka fa Mafitlhadibe ka fa Rramabelebele
A aba a aja dinama tsa batho
A aja nama tsa banna ba Maganana
Nna ke gana o tikana le Maganana
Go gontle o tikana le Mapotoko
O konopana le Lepemole
Go re thuu go seke go go rone
Ba ntse ba a bua banna ba Maganana
Nkwebe, o ka bua o sena thata?
O ka bua re ka falatsa Selepa
Ga sena pele le morago, Sekgoa
Sekgoa nakaladi ya mokapana
Ba kgalemele, Mokomane, ba fete
O kgalemele Bakgatla ba ga Kgafela
Batle ba tlole Ngotwane ba sa bone
Ba lebe ga bone Mmamitlwa
Kwa maropeng a bone Mmasebudule
Poulo o tsile go batla lekgetho
Lekgetho le tlhaetse o a ba senka