Ditso tsa Bangwato

Morafe wa Bangwato ke o mongwe wa merafe e e duleng diatla ka palo kwa nageng ya Botswana. Ba ana Photi. Fela jaaka Bangweketse le Bakwena, Bangwato ba tlholegile e le Bahurutshe fa ba ne ba sa ntse ba agile kwa bogareng jwa Aforika le go fitlha kwano Aforika o o borwa. Merafe e e duleng mo Bahurutsheng e nnile Bakwena, Bangwaketse le Bangwato. Ba ne ba nna nakwana le Bakwena mme ya re ka puso ya ga Mathibe ba bo ba fuduga ba ya go nna kwa Soshong.

Kgaogano ya Bangwato le Bakwena

E ne e rile ka motlha o sele, Bangwato ba tlhabana le bomogoloabone e bong Bakwena, gaufi le maje a Kgale mo nokeng ya Ngotwane kwa Morula-o-esi. Ngwato le Kwena ba kgaogana mme Ngwato a ya go thibelela gaufi le ga-Motshodi ba tlogela matlotla kwa Kgale. Go pakiwa gore e rile morago ga ntwa ya Bakwena le Bangwato, ga ba a ka ba nna le dikgopi mme ba ne ba tswelela go bapisana metse. Bangwato ba ile ba tswelela ka go nna ba fuduga ka tlhotlheletso ya mabaka a a farologaneng ba bo ba aga kwa Kgope ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Mathibe mme morago ga ditiragalo dingwe a fudusetsa morafe wa Bangwato kwa Marutle gaufi le Soshong mme moragonyana wa ya go fitlha le go senka bonno kwa Shoshong o o bolelwang.

Bana ba ga Mathiba

Go bolelwa fa Mathibe a ne a na le bana ba basimane, mme ba ba tlhagelelang thata ke Kgama le Tawana yo o neng ya re kwa bofelong arogana le morafe wa gaabo mme a phutha balatedi go ya go tlhama setlhopha sa Batawana se gompieno e leng morafe o o tiileng. Ga twe go kile ga tsoga dikgarakgatso fa gare ga barwamotho, Kgama le Tawana, mme se sa ama raabone thata e leng Mathiba, mo e rileng ya re kwa bofelong a swetsa go ipolaya. E rile morago ga loso lwa gagwe Kgama a nna kgosi ya Bangwato.

Go bolelwa gore morafe wa Bangwato o ne wa ntsifala thata gonne Kgama o ne a le segatlhamelamasisi e bile a na le dikgatlhegelo tse di molemo mo morafeng wa gagwe. O ne a fenya mo dintweng.

Tatelano ya magosi a Bangwato

  • Kgama wa ntlha
  • Kgari
  • Kgama wa bobedi
  • Sekgoma wa ntlha
  • Kgama wa boraro
  • Sekgoma wa bobedi
  • Tshekedi wa ntlha
  • Tshekedi wa bobedi
  • Mokgadi
  • Kgamane
  • Seretse

Leave a Reply