Tau e sale e lala e omana le tlou
E rile bo osa ya perepetsha tlou
Ya e thulega ya leba Seshabane
Kwa maropeng a ga Rramokopole
E rile e boa ya forofotsha makgabana
E tshositse Diloro a Kedikilwe
Mokalaka-Serwa o etla a sheba
A re, a jaana tau ga e ka ntshware?
A fa ga a ka ntshware Kilamolelo?
Ke ene mogale yo o sa nneng isong
Yo e riling chaba di phuthegile
Di phuthegile di ya kgonnye
A sale a sekaseka ditlhobolo
A tlhopha tse di mafulo a thata
A tlhopha bo-bojane le bo-bautu
Kukurumo yoo Pebane a Kgama
Lekota joo Sekgoma a Dingalo
Boning lo se le umake bosigo
E kare bo osa le abo le tlhasela
Go tlhola go buiwa lesisimogo
La tau e tshetlha ya ledumetsana
Nkabo kena le matlho a go bona ka mo tsetseleka
Ka mo kanoka diatla le mabogo
Ka re, kwa mmeding e kete Seloma a Kgama
Kwa dinaong e kete Tshisi a Mathiba
Mabogo e kete RaModisa, Kilamolelo
Ba ga Mmangwato lo thusa ka eng?
Kana lo thusa ka pelo ya tshukudu,
Ka pelo ya bodile Kilamolelo?
Ya re fa go umakwa go tlhabana
A fufule pelo Seloma a Kgama
A fufule pelo e tshwane le masfwi
E tshwane le leupa la mohudiri
A lale a sokasoka ditlhobolo
A batle e e itseng go konopa
Re a lo bona lo bogale Mafiri
Lo bogale thaka tsa ga Morapedi
Bogale jwa lona ga re bo latole
Sefetelele o bogale bo sele
Gale jwa gago e kete molelo
E kete jwa leupa la mohudiri
Ke tla jang wa ga Mmamariga a Ngwato
Naa ke bokang, ke boka Magabalale
Ke boka motho a sekeng a ja sepe
A sekeng a isa letsogo ganong
Ya re fa go tla bonwa a le obile
A bo anwa masfwi a kgomo e tshwaana
Ya Ditlolamakwa tsa ga Kebeetswe
Sekgoma o sepetsa Magabalale
O neetse mptswa tshweu Makalaka
Ga ke reye dipankane tsa mabjwe
Ke raya a matona oo Makhura
A motho yo o itseng go betla Sekgoma
Ya re fa a betla e le ga gagwe
A go betle a ba a go lotolotse
A ipetlela phatsa tsa marukuru
Tsa diphao tse dintle, Mophoting
Ya re fa a betla ga mebilana
A betle go ntse a kgomothe fela
Sebele a Sechele o e bolele
O e bolelele kwa go Rramaitsane o re
Kwano tladi e setse e ba gakaletse
Tladi e gakaletse baeletsa-mafswi
Banwi ba mafswi ya ba baya mekgoga
E gakaletse bo-Keitsang ba Masarwa
Ke fano ba bopeletse e kete ba a boa
Etswa e le gone ba elang ruri
Ba lala roko ja malalela-ruri
Ngwana wa kgosi bodiba jwa letamo
Bodiba bo letse bo digetse Moure
Bo digetse Moure a Masokana
Le jaana bo sa gomagomela mongwe
Bo ntse bo tlhatsa bo-Ntebogang
Aheelele koo, Makgalagadi
Masele a rona a ga Mmangwato
Lo tla boela kae, lo tla boela kwa go mang?
Ka molemi wa rona a re fetogetse
Re fetogetswe ke motho o lebelo
Yo o masipa, morwa Kgosi
Yo o are a tla siana thata
A utlwe maaka a bo-Chotlhololo
Maakanyana a barwala diposo
Ba re e letse e okame Botate
E tlolaganya ka bo-Ramokgwebana
Makau a a ntseng a mmotsa
Ba ntse ba rata go mo kabakanya
Ba ba tlholang ba mmotsa ba poso
Makolwane a dichaba lo a aka
Bo-Ntsono, bo-Mfiko a Mokwena
Lo seka lwa baa lwa gata Madilobjwe
Lo katla lwa bona Mmasempitseng
Pitse e katla e tshaba e sa tshwarwa
E jelwe ken are e putla badisa
Rona re ne re tla tshoga ba dichaba
Fa tau e ka jelwa ke phiri