Ditso tsa Barolong

Metswedi e e farologaneng ya boikanyego gammogo le dipolelo mo dipatlisisong di supa fa Barolong e le morafe o o tlholegang o ikemetse e bile o thaetswe mo leineng la kgosi ya bone e one morafe o, o reeletsweng ka leina la gagwe – Rolong. Go itshupa fa Rolong a tshedile mo dingwageng tsa bowelo ba bo1100 le go fitlha felo gongwe mo dingwageng tsa bo1200. Ga go tlhomamisege dingwaga tsa boammaaruri tsa botshelo jwa gagwe. Morafe o o tlogile o ana phologolo e e bidiwang Tholo gonne go kaiwa fa e ne e kile ya ba sireletsa ka motsi wa tlalelo ya ditlhaselo, ya re Rolong a ipatikile ka moja wa Tholo, mmaba a feta fela a ithaya a re ke namane ya Tholo. Ke ka fa go tweng ke dinamane tsa Tholo.

Lefelo la tlholego ya bone le khudugo

Go kaiwa fa Barolong ba tlholega ‘felo gongwe kwa bogareng jwa kgolokwe ya Aforika. Jaaka fa re itse gore ke morafe o o welang ka fa tlase ga merafe ya dipuo tsa ‘Bantu’, e bile le puo ya bone e ikutlwatsa mo modumong gore ga e bapele kgakala le dipuo tse dingwe tsa ‘Bantu’, seo se a tlhomamisega le fa go sa totobale gore ba tlholega tulo efe kwa bogareng joo jwa Aforika. Bangwe ba setse ba kile ba umaka gore lefelo leo ke Tanyanika o gompieno a itsiweng jaaka Tanzania.

Ga bo go fitlhile nako ya merafe ya Aforika go ebela Aforika go ya ntlha ya borwa jono e e neng e itsiwe jaaka ‘Leeto la borwa’ kgotsa South Trek. Mo merafeng ya Batswana e e neng e le mmogo kwa bogareng joo, go nnile le makhubu a le mabedi a merafe a a neng a padimola Aforikaborwa ka dinako tse di farologaneng. Mo lekhubung la ntlha la kgorogo, go gorogile morafe o o neng o itsiwe jaaka Digoja, mme e le gore ba fitlhela Basarwa ba sa bolo go ebela borwa jono le fa tota bone ba ne ba sa thibelela. Ke fa e rileng mo lekhubung leo la ntlha, lekgamu la bobedi e a bo e le kgorogo ya bone Barolong fa ba ne ba tlaa ipapatha le Noka ya Molopo le mafika a yone ba bo ba thibelela foo. Go dumelwa gore e rile fa ba fitlha foo ba fitlhetse mathosi a baagi ba ba neng ba thibelete foo nakwana, e leng Basarwa, mme ba ba gapeletsa go tloga foo ka mokgwa wa dikgoka le lesotlo, ka go ba bitsa gore ke balala. Mme ka nako ya fa Barolong ba ne ba fitlha kwa Molopo, kgosi ya bone, Rolong, o ne a setse a tlhokafetse, mme morafe o ne o eteletswe pele ke morwawe e bong Noto.

Tatelano ya magosi a Barolong

  • Noto
  • Morara
  • Mabe
  • Mabua
  • Manoto
  • Mabeo
  • Modiboa
  • Tshesebe
  • Monnyane
  • Setlhare
  • Masepe
  • Makgopha
  • Thibela
  • Tau

Barolong ba nnile le botshelo jo bo seng kaekae ka ditiragalo ntle le go fuduga mme ba ntse ba itshetlegile ka tikologo e e bidiwang Mahikeng gompieno fa e sa le ba ne ba goroga go fitlha ba thibelela kwa Setlagole. Le magosi a bone ga go bolelwe sepe ka bogale le bonatla jwa bone pele go goroga botsalo jwa ga Tau. Go bolelwa Tau e ne e le kgosi e e bogatlhamelamasisi thata. E ne e rile ya re mo dingwageng tsa bogosi jwa ga Tshesebe, ga tswa lekgamu mo go bone le tshabela bophirima ka ntlha ka go sa utlwane ga bana ba ba motho.

Tau o ne a fuduga le morafe wa Barolong e le lwa ntlha ba tsamaela kgakala fa e sa le borraagwemogoloagwe-mogolo ba goroga kwa Molopo. Ba ne ba gopotse go ya go senka bao ba kileng ba ba tswa, gore ba boele go nna morafe o le osi. Ga twe mo leetong la bone, o ne a feta a gaila meratshwana e e neng e iphitlhela e le mo tseleng ya gagwe. E ne e le rrantwadumela, fela maitlhomo a gagwe e le go godisa morafe wa Barolong. Go bolelwa gore morafe wa Barolong ba ga Kgosi Tau o ne wa gola lwantlhantlha ka lebelo le le gakgamatsang, e bile e le morafe o o ratang kagiso fa seemo se iketlile, le ntwa fa e fagile ba ne ba e wela godimo. Ba ne ba sa tlakatlakalwe. Kgosi Tau o ne a thula botala ka tlhogo mo dingwageng tsa bo1700 morago ga go tlhaselwa ke Masetedi kwa kgaolong e e bidiwang Taung gompieno, e e reeletsweng ka leina la gagwe.

Bana ba ga Kgosi Tau ba makgamu a morafe wa Barolong a a ipitsang ka maina a bone kwa dikgaolong tse di farologaneng mo metlhemg eno

  • Barolong boo-Ratlou – Ganyesa
  • Barolong boora-Tshidi – Mahikeng
  • Barolong boo-Rapulane – Lotlhakane
  • Barolong boora-Seleka – Thaba-Nchu

Go botlhokwa gape go itse gore go na le meratshwana e e tlholegile go tswa mo morafeng wa Barolong.

Leave a Reply