Ditso tsa Bahurutshe

Fela jaaka morafe wa Barolong, Bahurutshe le bona go bolelwa ba tlholega kwa bogareng jwa Aforika. Mo tlholegong ya bone, ba ne ba na le Barolong mme e le losika lo lo losi lwa dikgotla tse di farologaneng. Ba ne ba ntse ba bua puo e le nngwe e bile ba nkgisana losika mo dikgotleng le dikutla tsa bone tse di farologaneng. Boitemogiso bo supa fa Barurutshe ba le bagolo mo Barolong ka kgotla. Go re tlhoka e re re ntse re anela ka dikgang tsa Bahurutshe, re amogele gore dikgotlhang tsa diphitlhelelo tsa dipatlisiso ka ga Bahurutshe di dintsi thata, bogolo jang mo tatelanong ya bogosi jwa bone.

Tlholego ya morafe le dikhudugo

E rile ya re kwa tshimologong ya morafe o, ga bo go le Kgosi Masilo yo go dumelwang a tsetse Kgosi Malope. Kgosi Malope o ne a nyetse lefufa, mme kwa ntlong e tona go ne go se na ngwana wa mosimane, e le wa mosetsana fela mme a bidiwa Hurutse. Go bolelwa gore kwa dintlong tse dinnye ka go latelana, bana ba basimane ba maitibolo e ne e le Kwena, kwa go e nngwe e le Ngwato, fa kwa go e nngwe go dumelwa gore e ne e le Kgatla kgotsa Mokgatla. Ke ntlha e bangwe ba dumelang fa dipolelo tsa beng ba morafe ba e kaile kwa tshimologong.

E rile fa Kgosi Malope a se na go tlhokafala, mosetsana Hurutshe a bo a le pelokgale mme a tsena mo ditlhako tsa ga rraagwe, Malope, mme a etelela morafe pele jaaka kgosigadi yo o neng a tshepagala mo morafeng wa gagwe. Go dumelwa gore ke ka yone nako eo fa morafe o ne o tlaa fetola leina go bidiwa ka leina la kgosi ya bone e leng ene Hurutshe, go nna Bahurutshe.

Fela jaaka Barolong ba ne ba fudugela borwa jono jwa Aforika, e rile mo lekhubung la bobedi la kgorogo ya ba merafe ya Batswana, ga bo go le morafe o o neng o le montsintsi go feta dikhudugo tsa pele, mme bone ya bo e le bone Bahurutshe. Mohurutshe ka nako eo o ne a tsamaya mmogo le bokgaitsadie mme ga twe ba ne ba gorogela kwa Transvaal wa maloba.

Kgaogano ya morafe

E rile ya re ba ise ba tlhome dinao, Kwene, Ngwato le Ngwaketse ba bo ba lemogile fa ba se kitla ba kgona go etelelwa pele ke kgosi ya mosadi, mme ba itlhoma makgamu a kwa bofelong a neng a fetoga merafe e e neng e tswa mo morafeng o mogolo wa Barutshe. Ka nako eo go bolelwa gore Bahurutshe ba ne ba ana Phofu. Go tlogile pele Ngwato, a latelwa ke monnaawe Ngwaketse mme kwa bofelong ya nna Kwene, mogolowabone.

Dikgotla tsa Bahurutshe tse di leng gone le metlheng eno

Leave a Reply