Leboko la ga Kgosi Gaseitsiwe

Se nne o namile, kotamaMotho a batla motse o a kotamaA lwela motse le bana ba lefufaBa mogadingwana ba jele sehubaKa tshoga ba nkabela serope Kgosi ga e tshetlha, nkwe oo RratshosaGa e tshetlha, e se lekau ja phofuE se lekau ja tau le tshukudu Batho ba rile ba sene go swa botlheBa sena go … Read more

Leboko la ga Kgosi Sebego

Sebego o pelo o fa mapiritlwaKe bonye a thelesetsa MatebeleO neile baba mmala wa thebe Ke mmoditswe ke Thupa a MoletaKe Makabe RaBarekwakangBa re ngwana wa ga Matshadi o etsa thwadiO etsa thalabodiba, Sekokotla Lo mo reetseng lwa re moabi?Lo ko lo rile motlhasediGongwe lwa re sebua-bogaleKetswa go bona ka ditlhaba di lwelwaBanna ba jana … Read more

Leboko la ga Kgosi Seepapitso

Heela tlhe, banna ba ga mokgaloA lo santse lo ntseisa kgang?A ditiro tsa Lelau ga lo a di bona?Letamo ke je, le fa MetsimaswaanaJa bobedi le fa ga RanthebanaLelau je le mono le thata-thataLe tlhokoditse dinaka, dikhubiduDikgomo tsa [ga]bo di hula mo mhaphengDi hula fa dikgoreng tsoo Mpou tsoora SebonegoGa dike di enwa Moshana marigaDitle … Read more

Leboko la Bangwaketse

Ba ga Mokgalo-o-ThebeBa ga mmila go bobelaBa ga Setlhong ga se huparelweBa ga Heyana-a-henyaBa ga phešana ya moswagadiE tshwarwa ke sokwe le phelaBa ga matshaba le kgomoMatlogela temo e le sefolelaLo tshaba le kgomo lo gopotse kae?