Se nne o namile, kotama
Motho a batla motse o a kotama
A lwela motse le bana ba lefufa
Ba mogadingwana ba jele sehuba
Ka tshoga ba nkabela serope
Kgosi ga e tshetlha, nkwe oo Rratshosa
Ga e tshetlha, e se lekau ja phofu
E se lekau ja tau le tshukudu
Batho ba rile ba sene go swa botlhe
Ba sena go nyelela batho
Mo sopeng ga tlhoga letlhogela
Re tlhotse re le ganela le Motsokwane
Motsokwane o rile, ja mfudiri
Nna rragwe ke ganela, kare ja mokgoba
More o montle molobare
Motsokwane, o ka batla Barolong
Batla go ja ditlhogo ba atametse
Wa batla bo-Motshegare a Tawana
Ga aka a tlhaelediwa masori
Kebotshadi a dija ka metsitla
A dija ka bofula bo le mmogo
Lekoma a dija a tshegatshega dibaka
A tshege a sa rate tsa tlhaela ope
Matjhe a dija a itsukula ka menwena
A dija ka bofula bo le mmogo
Leteane a dija ka tshega di le matlerebe
Mo molaleng go sa ipewa sepe
E bile e re ga go kake ga umakwa Makgetla a Tau
Nkwe a Makaba, dumela lesome
O dumele le Motebele motshwana
Wa ga maila go bobela
Nkwe a Makaba a ga oko o lesa?
A ga oko o rebola, nkwe a RaTshosa?
Yo o Tholo o ko o mo lesitse
Wa lesa khutsanyana ya ga Botlhoko
Motlhanka wa Kgwadibana a tshele
A tla ane a nna a go bolela
A re, rona kwa re tswang re fedile
Jang ke boja ka nkwe a RaTshosa
Ka mabala a Rrasebego
Ka motho yoo kwa Ngologa, Mathiba