Heela tlhe, banna ba ga mokgalo
A lo santse lo ntseisa kgang?
A ditiro tsa Lelau ga lo a di bona?
Letamo ke je, le fa Metsimaswaana
Ja bobedi le fa ga Ranthebana
Lelau je le mono le thata-thata
Le tlhokoditse dinaka, dikhubidu
Dikgomo tsa [ga]bo di hula mo mhapheng
Di hula fa dikgoreng tsoo Mpou tsoora Sebonego
Ga dike di enwa Moshana mariga
Ditle di onwe ka pula ya tsheola
Lelau le feetse ditsela mesetlho
Dikoloi tsa Kanye di palama fela
Difofu jaanong diya nokeng
A le jaana lo santse lo ntseisa kgang?
Motlhokotlhoko oo ra Bathoen o tlotlometse
O fetile lefika, wa feta lentswe ja Kgwakgwe le ja Kgoro
Lelau le feetse ditsele mesetlho
Dikoloi di palama fela mo Kanye, morwa kgosi
Bangwe ba ba bokile ka ditshukudu
Bangwe ba ba boka ka ditlhogo tsa batho
O ditiro ditshwaana, ba ga mokgalo
Le difofu jaanong di ya nokeng
Le Malau a pele o a fetile
Re ntse re sanwe Metsimaswaana
La bobedi le mo ga Ranthebana
Ke fidika lentswe, nna ke tshotse lekgotlho le boima
Hee, monna o yang kafoo, nkemele foo
Ke go laetse kwa Mayakweneng
Bolelela Mokgadi a mo nthuse
Marumo aka a fedile otlhe, ke fidika lentswe
Re ntse re ganetsanya le Bakwena
Re mo ganela le barwa Motswasele
Ka ba mmona a le matlho a dikgong
A le matlho a go itaya ditshwene
Ba re namane e o ya ga Sechele oo ra Motswasele
Mme re ba ganetsa rotlhe ba ga mokgalo
Ra re namane e ya ga Makaba a Leema
Ya ga Gaseitsiwe le Bathoen
Le Makaba le RaLesego le Tsima
Ya ga Sebego le Bome le Mathiba
Motlotlomedi a dichaba, motlhokotlhoko oo ra Bathoen
A le jaana a go sale kgang?
A lo santse lo ntseisa kgang?
A lo santse lo re o bokwa kang?
Lo re o bokwa go bo a dirileng?
Lwa bobedi ke bonwe ka ga maloba
Ke bonye ka Maburu a tswa kgakala, ba dule tengteng
Ba tswa lefatshe la bone la dinoka
Di ntse di ba sikologa dichaba
Merafe e tshaba go fulwa diphata
Re ba utlwetse ka mogatsa Kamudi
Borololwane o bo letse thata
A re Maburu a fetile bosigo
A gana go ba utlwa, morwa kgosi
Ga aka a senka bomonnawe
Tagafara a tshwarwa a sena tomo
A itsoketsa kay one, morwa kgosi
O sianetse kwa pele, motlhabani
O ya go ema kwa morago ga mabjwe
Kwa morago ga lentswe la ga Segwagwa
A ba busetsa kawa morago, tsololo oo ra Bathoen
Makgoa a ba tshwara ba sena thata
Ba ba golega ba apotse ditase
Ba ntse ba iphimola dikeledi
Ba tshwerwe ke tau ya lobala lwa Kgoro
Tau ya dithota tsa bo Kgalabanna
Ya ntswe la Kanye, tau ya lekau
Ke fidika lentswe, motlotlomedi a dichaba
Kgosi nesa pula, Sekgoa se fete
Kana pula e kabo e nele ka bolela
E kabo e nele ka bolela thata
Ke jele logodu ka bolela thata
Nkabo nkile ka boka morena Seepapitso oo ra Bathoen
Ke ne ke tlaa ema mo lekgotleng
Go le motshegare bosigo bo sele
Re ne re tlaa ema le Gagoangwe le Mmaserame le Ntebogang
Ba tla go tlola fa gare ga lekgotla
Ba bona kwena e tlola Motshegare e dule mo metsing
E dule mo metsing, kwena-sebele
Kwena tota ya ga monna Sechele
Ke mmokile ka maina a gagwe
Mmaserwalo, mo nthuse ka foo
O nteletse mogolokwane ke a go boka
Ngwana wa ga Mmangwato a Malope
Wa bo Kgama le Rramorotong
Wa ga Gaseitsiwe le Segotshane
Ke fidika lentswe, a ke sielwe metsi ke hupetse
Ke sielwe metsi ke shwele sehuba
Ke boka tlhaba sa Kanye, morwa kgosi
Seepapitso oo ra Bathoen