Leboko la ga Kgosi Sebego

Sebego o pelo o fa mapiritlwa
Ke bonye a thelesetsa Matebele
O neile baba mmala wa thebe

Ke mmoditswe ke Thupa a Moleta
Ke Makabe RaBarekwakang
Ba re ngwana wa ga Matshadi o etsa thwadi
O etsa thalabodiba, Sekokotla

Lo mo reetseng lwa re moabi?
Lo ko lo rile motlhasedi
Gongwe lwa re sebua-bogale
Ketswa go bona ka ditlhaba di lwelwa
Banna ba jana ka seputlela sa lerumo

Dikgomo tsa bokone magolonkwane
Di gola maoto, dinaka ga di gole
Magolonkwane oo RaKgaodi

Letsibogo le meswang-swang
Le matlhatsa a dikgomo le a batho
Ke lela fela ga ke a re nkgapang
Ke lela ke tsosa beng-gae
Lo potologwa ke madi a tlhokweng
Ke kwena e e pelo e thata
Sebego a Mmakhuto a Mokwena

Thamaga di dibola-bola
Dikgomo di ditsubaba Rramaomana
Rramaomana a Mokube
Ke rile ke sa tsene ka gogomela
Ka ya go latlhwa ke tsone dipududu
Ka ya tlase le marole a dikwebu
Ke ile le motlhasedi Tlammeng
Ngwana wa namane tse di tlhaba, Mmusi
Tse di tlhaba tsa motse wa Matlamma
Re di raetse molamu wa tshukudu
Re re tlhaba dikhubame ka mangole
Di lebe go ene, moabi a Khuto
Ke go reetseng ka re moabi?
Nkabo ke rile motlhasedi
Nkabo ke rile motlhasela-batho

Leave a Reply