Morafe wa Bangwaketse ke morafe o o kgaoganeng le Bakwena fa ba ne ba sa ntse ba le kwa Phuthadikobo. Ngwaketse o ne a tsetswe le bomorwarraangwe e leng Kwene le Ngwato. Bangwaketse ba ana Kwena. E rile morago ga kgaogano eo ba ne ba ya go thibelela kwa Magagarapa kwa ba neng ba feta ba aga motse teng. Ba ne ba boa ba ya go itlhoma gaufi le bomorwarraabo kwa Kgale, mme ga go a tsaya lobaka pele Ngwaketse a swa a ba a tsenwa mo ditlhakong le go longwa serota ke morwawe e bong Seepapitso.
Khudugo ya morafe
Bangwaketse ba ile ba fuduga thata mme ba thibelela kwa mafelong a a farologaneng jaaka kwa Ntsotswane mme morago ba ya kwa Potsane. E rile morago fa bogosi bo tserwe ke Makaba wa ntlha, ba bo ba le kwa Seoke gaufi le Lobatse. Makaba o swetse koo mme Mongala a etelela Bangweketse pele mo bogosing.
Ditiragalo tse dintsintsi di diragaletse Bangwaketse go akaretsa dintwa fa gare ga bone le Ba-Malete, Bakwena, Matebele le merafe e e neng e le kgakajana go akaretsa le Batlhaping ka fa tlase ga bogosi jwa ga Mahura, ba ne ba ntse ba fuduga ka tlhotlheletso ya seo. Bakwena ba kile ba bolotsa ntwa kgatlhanong le Barolong mme go lwelwa molelwane.
Tatelano ya magosi a Bangwaketse
- Seepapitso
- Khutwane
- Makaba wa ntlha
- Mongala
- Moleta
- Makaba wa bobedi
- Sebego
- Gaseitsiwe
- Bathoeng wa ntlha
- Bathoeng wa bobedi