Ditso tsa Ba-ga-Malete

Ba ga Malete ke setšhaba se se tswang mo morafeng wa Matebele, ba ana Nare. Fela ke Batswana gonne ba agile le Batswana e bile meetlo ya bone le dingwao, ke tsa Setswana go akaretsa le puo ya bone. E rile ya re fa morago ga ditlhaselo tse di neng di le setlhogo mo Batswaneng fa Mazulu a a neng a eteletswe pele ke Mozilikazi ba padimola metse ya Batswana ba ba neng ba le kwa Transvaal ka go bolaya bana le basadi setlhogo, go akaretsa nnakgolo le tshadikgolo, ba bo ba gapa leruo mme ba fisa metse ya bone, Mazulu a a ne a tsaya makawana a Batswana mme ba ikoketsa palo ya batlhabani ka bone, mme makgarejana a Batswana ba ba gapela go ba ntsha basadi ba bone le go ikoketsa go nna setšhaba se segolo e bile se na le maatla. Ke fa e rileng fa madi a bone a tlhakana le a Batswana, ga nna gone setšhaba se se bidiwang Matebele (Ndebele). Ga twe leina le le tlholegile e le “ba-dithebe-ditelele”, gonne ba ba ba aga ba tshotse dibetsa jaaka ditšhaka le dithebe le digai tse dintsintsi.

E rile ba se na go nna ba gaila merafe ya Batswana ka tsela eo, ya re motlha o sele ba iketlile kwa lefatsheng la Mosiga gaufi le Sefatlhane (Zeerust) ka ngwaga wa 1837, ba tla go alolwa ke Basweu mme ba ba tshabisetsa kwa nageng ya Mašona e gompieno e bidiwang Zimbabwe. Pele ba fitlha koo, Matebele, ya re ba le kwa Tlhogoyatlou e leng motse o gompieno o bidiwang Thohoyandou, monnamongwe yo oneng a bidiwa Phahle, a gana go tswelela pele ka leeto mme a sala teng le morwae le setlhopha sa balatedi ba gagwe. Ga go a tsaya lobaka ke fa Phahle a tlhokafala, mme morwae e leng Malete, a gata mo rraagwe a gatileng teng ka go etelela morafe pele. Ga a a ka a nna foo lobaka, o ne a bona leano la go tshela noka e kgolo ya Nkompe mme a leba kwa Transvaal. Morafe o ne o setse o ipitsa ka leina la ga Malete, e leng ba-ga-Malete, kgotsa Balete.

Dikgaogano tsa morafe

Mo leetong la ba-ga-Malete lo lo nnileng loleele thata, go nnile le dikgaogano tse dintsintsi thata go kwa mo go bone. Le fa go ne go le jalo, maitlhomo a morafe e ne e le go gatela pele ka palo e e fokolang eo, gore ba fitlhe kwa ba ka go bitsang legae la bone, kgakala le Matebele a gaabo a a dikgoka e bile ba sena botho ka gope. Mo go bone, bangwe ba merafe e e duleng mo go bone ke:

  • BaPo
  • Bagwaduba
  • Ba-ga-Tlhako
  • Ba-ga-Letwaba

E rile ya re kwa bofelong fa Malete le ene a setse a sule, morafe wa goroga kwa Rabogadi mme ba nna lobakanyana koo. E rile morago ka ntlha ya dintwa tse ba neng ba kopana le tsone, ba tsweletsa leeto la bone mme ba ya go fitlha kwa nageng ya Botswana mme ba fitlha ba aga le Bahurutshe ba ba Mmanaana gaufi le Ramotswa. Ba nna ba tswelela ka go kgatlhana le merafe e mengwe go akaretsa Bangwato le Bakwena boo-Sikwe mo dintweng. Dintwa dingwe ba ne ba di fenya, fa tse dingwe ba ne ba fenngwa mo go tsone. Gompieno go na le kgotla ya Ba-ga Malete kwa Botswana kwa Ramotswa, e bile ba eteletswe pele ke kgosigadi.

Leave a Reply