Leboko la Barolong
Namane tsa ‘Thole, BarolongNamane e ‘naka di matšhopheDi ja mogope di o lalaBatho ba ga Mogogoro-a-losoBa ga GogomelaBabina-tshipi, baana TholoNamane e e thupana-thekengE e reng go utlwa longola e tloleGo bona lorole e tlolele godimoTholo e sa latelweng ka motlhalaE bonwang ka bojang go lalaanaKe ba ga Morara-a-NotoTshipi e ntsho Noto-a-Rolong!