Leboko la Barolong boo-Modiboa

Ke namane ya tholo,
Ke ja mogope ke o lala
Ke motho wa mogogoro wa losho,
Wa ga Gogomela
Ke Mmina tshipi ha go le tlala,
Ha go le kgora re bina tholo
Tholo e e thupana thekeng,
E e reng go utlwa lengolo e tlole,
Go bona lerole e tlolele godimo
Tholo eo e sa latelweng ka motlhala,
Eo e bonwang ka bojang go thetekela.
Ke wa ga Morara-a-Noto,
Tshipi e ncho, Noto-a-Morolong.
Ntsha sehuba morolong,
Go tle go bonale kwa o tswang gone.
Ka tlhago ke tswa kwa go
Tshesebe-a-Modiboa,
Tshesebe yo o hetotseng ntlha,
Ntlha ya lerumo la segosi.
Ke tswa kwa go Setlhare-a-Monnyane,
Setlhare sa metswe e e ko teng,
E e rileng go anama ya hudusa Magoge,
Magoge le morahe wa Bakaa.
Ke tswa kwa go Nakedi-a-Masepe,
Nakedi e e bobowa bo ntlha
Ke Modiboa ke Morolong yoo binang Tshipi noto e ntsho.
Ke ana Kgomo Modimo o nko e metsi.
Malenku a marumo se gagola letoutou.
Mogodungwana o molelo.
More o fisang banna ditedu.
Ka nna nao ka tlhoka boroko. Ka e tlhoka, kea bo tlhoka

34 thoughts on “Leboko la Barolong boo-Modiboa”

  1. Madume!
    Leina laka ke Joseph Boikanyo ke rata go itse thata ka seboko sa rona gore ke mang ka baka l gore gantsi thata ga gole mongwe a tlhokafetse mogo tsa botshelo jwa moswi ba rata gore robala ka kagiso morolong wa rrapulana, mmina tshipi e ntshonyana, mme ga gole ditiro ba rata gore Bakgopa, Ba bina tholo ka jalo nna kea tsietsega gake itse gore tota seboko ke se feng..ke kopa temoso fela mo le tlhaloso kaga seboko

    Reply
  2. Re lebogela leboko le. Go tsile jang go re morafe wa Barolong o kgaogane, e bile o phatlhalale mo Afrika Borwa le Botswana?

    Reply
  3. Madume, ke kopa o nthomelele Leboko le le heletseng la Barolong ‘Namane tsa Tholo, bo Mmina Tshipi e ntsho Noto’

    Kea leboga

    Reply
    • O seke wa tshwanyega re tlo go nya tshedimosetso ka ga leboko la Barolong ba Nthua Thibela. Nna ntse o etela webosaite ya rona go fitlhela tshedimosetso!

      Reply
    • Selebogo dumela retla dira dipatlisiso ka ga leboko la ga “Mmina Phiri ee Thamaga le Bakoro. Re kopa o seke wa lebala go etela webosaite ya rona go fitlhela tshedimosetso eno.

      Reply
    • Lorato dumela o seke wa tshwenyega re tlo go naya tshedimosetso ka botlalo morago ga gore re dire dipatlisiso. Nna o ntse o etela webosaite ya rona.

      Reply
  4. 1. Madume, ke ka rata go bona poko ya bakolobeng.
    2. Le poko ya….. (Morolong oo Modiboa, oo mokgopa……) nka rata go bona ga e feletse.
    Ke a leboga.

    Reply
    • Re lebogela potso ya gago ka leboko la sefane sa Moleme. Re tla leka go batla tshedimosetso e e botoka mme re e phatlalatse mo nakong e e tlang. Tswelelang lo re etele.

      Reply
  5. Ke leboga tshedimoso ka Barolong. Nna ke gola ke utlwa Malome ba mmoka bare “Ke Matile a Mmaseabudi sa metsi mathinthinyane”. Ke kgopela tlhathollo.

    Reply
    • Re lebogela tshedimosetso e o e abetseng le rona ka Barolong, gammogo le mafoko a a nang le bokao jo bo tseneletseng jwa setso. Re tla sekaseka le go tlhalosa mafoko a a reng “Ke Matile a Mmaseabudi sa metsi mathinthinyane” mo posong e e tlang. Tswelelang lo re etele, re lebogela tshegetso ya lona ka pelo e e tletseng!

      Reply

Leave a Reply