Batlhaping ke morafe o gompieno o fitlhelwang ka diporofenseng tsa Bokonebophirma le Kapabophirima. Morafe o o ana Tholo, mme o bina Tlhapi. Seno se totobadiwa ke setshwantsho sa dinaka tsa Tholo se se fitlhelwang kwa motsemosate wa bona kwa Taung, kwa goora-Maswe. Mo motlheng ono, Batlhaping ba ikgaogantse ditlhopha, e leng Batlhaping boo-Phuduhucwana le boo-Maidi kwa Taung.
Lemorago la Batlhaping
Batlhaping ke morafe o o tlholegang mo morafeng wa Barolong. Go bolelwa gore ka motsi wa loso la ga Kgosi ya Barolong, Modiboa, ga bo go na le ketsaetsego le dikgotlhang fa gare ga morafe wa Barolong, di bakwa ke gore ke ofe wa bana ba ga Modiboa fa gare ga Mooki (yo mogolo), le Tshesebe (morwa yo monnye). Le fa go ne go itsege e bile go le setlwaedi gore kgosi fa e hulara, morwa yo mogolo ke ene yo o lomang rraagwe serota, e kete Barolong ba ne ba ithatela go ka buswa ke Tshesebe gonne ba ne setse ba mmonetse mabotobotong gore a ka nna kgosi ya bone ya boikanyego. Go dumelwa fa Mooki a ne a seka a rata seo, mme a tsaya balatedi ba gagwe a bo a tswa mo morafeng oo wa Barolong. Mooki o ne a leba ntlha ya bophirima mme a fitlha a thibelela kwa makgatlhong a noka e tshetlha e e bidiwang Kolong. Ba ne ba nna foo mme ba itshedisa ka tlhapi lobaka lo lo leele. Batlhaping ba ne ba ntse ba tseisana molelo le Bakorana kgotsa Masetedi jaaka go bolelwa. Batlhaping ka nako eo ba ne ba eteletswe pele ke Kgosi Phuducwane.
Batlhaping ba tlhaselwa ke Barolong
E rile ka nako nngwe mo dingwageng tsa bo 1700, Barolong ba ba neng ba le ka fa tlase ga puso ya ga Kgosi Tau, ba fitlha kwa kgaolong e Batlhaping ba ne ba thibeleltse kwa go yone. Ba ne ba fitlha ba thibelela gaufi le bona mme ba itira jaaka batho ba rata go agisana le bona. Maitlhomo a ga Tau e ne e le go gapa Batlhaping le go ba busetsa kwa morafeng wa gaabo wa Barolong. E rile fa Batlhaping ba lemoga maitlhomo a Tau, ba simolola go goga dithamo. Tau o ne a bolotsa tlhaselo mo Batlhaping, e rile fa e kete Barolong ba tlaa fenya Batlhaping, Masetedi a ipopa seoposengwe le Batlhaping mme ba rutla Barolong ba bo ba ba ntsha ka lefelo le ba neng ba setse ba le reeletse ka ene kgosi Tau, go twe ke Taung. Barolong ba ne ba tshaba mme ba ya ntlha ya bokone ba bo ba ya go thibelela kwa Ganyesa, morago ba ya Dithakong le Dithakwaneng.
Batlhaping ba thibelela kwa Taung
Taung ke kgaolong e e kwa bokone bophirima jwa toropo ya Mahikeng, dikilomitara di ka nna 220. Ke kgaolo ya Batlhaping le motlha ono. Kwa Taung le dikgaolo tsa Batlhaping jaaka kwa Kuruman, Phokwane, Manthe le Kimberly, go fitlhelwa dikgotla tse di jaaka:
- Batlhaping boo-Marumo
- Batlhaping boo-Phuduhucwane
- Bathaping boo-Maidi
- Batlhaping boo-Moduane
- Batlhaping boo-Molehe
- Batlhaping boo-Phuduhudu
Batlhaping Boo Rra Bantsijang.