Ditso tsa Batlhaping

Batlhaping ke morafe o gompieno o fitlhelwang ka diporofenseng tsa Bokonebophirma le Kapabophirima. Morafe o o ana Tholo, mme o bina Tlhapi. Seno se totobadiwa ke setshwantsho sa dinaka tsa Tholo se se fitlhelwang kwa motsemosate wa bona kwa Taung, kwa goora-Maswe. Mo motlheng ono, Batlhaping ba ikgaogantse ditlhopha, e leng Batlhaping boo-Phuduhucwana le boo-Maidi … Read more

Leboko la ga Batlhaping boo Marumo o Seatle

Motlhaping o Marumo a seatla ke mabote motho o mokala ke. Ke sekukuni Lekontshe, seja kgomo le motho ka tsaya kgomo le Modisa. Ao o setlhogo jang naa letebele morwa Mphela loo papelo loo Mokalake, ntlhang o ka tsaya kgomo wa tlogela Modisa go bota itlhoboga.

Leboko la ga Batlhaping ba Maidi a Kgetsele

Ke batlhaping ba Maidi a kgetsele ba tlhapa ka lebese baiphorotllha ka tlhoa, Ke di gailelee!! , Hee Segailele sa kgomo khunwana mohakana, kaa lesitse phefo eya botlhaba a tsaa motlhala wa yone aya bophirima, Ke motho wa ntswe (letlapa) la ga Serasengwe, Segailele sa kgomo khunwana mohakana, khunwana tsa matsatsa mogakala le motho, motho … Read more

Leboko la ga Batlhaping ba ga Phuduhutswana

Batlhaping ba ga PhuduhutswanaBatho boo MmamaiBatho boo MolokediBo Manpidiaba ba pidiantseng kgomo tsa marefeKe digatlhamelamasisi tsa TlhapingKana ba dipelo Kgale BatlhapingRumo la bone ga le tlhabe kgomoLe feta kgomoLe tlhaba mothoKe dilemelaBa thelela le bodibaNkile basia Marojana MaesemaneBale ko tshimong ya PhokwaBa basiela bophirima jo bo kgakalakgalaKwaa ko Ga motlharoYare ere bantsha ditlhogoBa utlwa tombutomboko … Read more

Batlhaping ba Molehe

Ke molelo o Mpete kokobolo Tlhapi kgole e ntsho e e sa tshwarweng ke monna a sa bofa lotheka la borokgweKe senkga phoka ngola la pula,Tlhware ya go bolawa ke mosadi banna ba e tshaba,Seila NtÅ¡a le motho,Selatswa ke kgomo le phologolo tsa metsi,Mosadi fa ale ratla la Tlou ga a ralale motlhape wa kgomo … Read more

Leboko la ga Batlhaping ba RraMaidi

Re tota re le Batlhaping,Batlhaping ba oorraMaidi,Re Batlhaping ba kgotla ya oorraMaidi,Re tlogola kgotleng ya oorraMankurwane. Re bana ba ga Maidi-a-kgatsele,Ba go tlhapa ka lobese,Ba iphorola ka tlhoa metsi a le teng. Ga re Batlhaping ba ntete foo,Re nkgisana tshika le ba kgotla ya oorraMankurwane,Re bana ba ga Mothibi le Maidi,Beng ba noka e tshetlha. … Read more