Ke molelo o Mpete kokobolo Tlhapi kgole e ntsho e e sa tshwarweng ke monna a sa bofa lotheka la borokgwe
Ke senkga phoka ngola la pula,
Tlhware ya go bolawa ke mosadi banna ba e tshaba,
Seila Ntša le motho,
Selatswa ke kgomo le phologolo tsa metsi,
Mosadi fa ale ratla la Tlou ga a ralale motlhape wa kgomo tsa ga rraagwe ebile ga a ore matlhaku a saka la gaabo.
O irileng Mokwepa o bolaile kgomo tsa Batlhaping a tsoga ka makuku a naka tsa kgomo a apaya mogetlo mme a o rwala ka tlhogo a ya kwa dikgomo di swetseng teng, mme yare e a mo loma ya wela mo mogetlong,
A kua mokgosi banna ba tla ba taboga,
Ba fitlhela a ipofile lotheka ka yone, are ga ke mosetsana ke mosadi ngwetsi ya Batlhaping.
Bare ba mo neela bogosi a bo gana are o tshaba boloi,
Ba bo ba bo neela bo Mere.
Didiriswa tsa setswana, kika, motshe jaalo le jaalo
Bogobe bo bo apeilweng ka bojalwa bo bodiwa eng
Kota e go photwang mabele mo go yona e bediwa eng
Dumela bogobe jo bo apeilweng ka bojala bo bidiwa serobe, kota eo o photwang mabele e bidiwa motshe.
.🐟BATLHAPING 🐟
Batlhaping🐟ba tswa kwa Taung.Go tswa ga lowe ke barolong ba bina tholo🦌eseng tlhapi🐟mme ba ana tlhapi🐟Ke barolong,ba biditswe batlhaping morago ga go sala fa nokeng ba tshwara ditlhapi
Batlhaping🐟baga Phuduhudu
Batlhaping🐟baga Phuduhutswana
Batlhaping🐟baga Maidi
Batlhaping🐟baga Mothibi
Batlhaping🐟baga Bantsijang
Batlhaping🐟baga Molehe
Batlhaping🐟boo Marumo
Batlhaping🐟boo Marutshana
Batlhaping 🐟boo Susu
Re lebogela tshedimosetso ya gago.
Dumelang Batlhaping..
Ke Batlhaping ba go tlhapa ka lobese, ba iphorola ka tlhoa metsi a le teng,
Ke batho ba go itimola mogote seka tlhapi,
Sekatlhapi e biloga metsing le re tserr,
Ke karolo ya Barolong, ba bina Tholo.