Leboko la ga Batlhaping ba Maidi a Kgetsele

Ke batlhaping ba Maidi a kgetsele ba tlhapa ka lebese baiphorotllha ka tlhoa, Ke di gailelee!! , Hee Segailele sa kgomo khunwana mohakana, kaa lesitse phefo eya botlhaba a tsaa motlhala wa yone aya bophirima,

Ke motho wa ntswe (letlapa) la ga Serasengwe, Segailele sa kgomo khunwana mohakana, khunwana tsa matsatsa mogakala le motho, motho yoo sebinyana yoo mojagotlhe yoo sephainyana, mosobedisa ngwana ganong la mmagwe, kwa kgorong ya leje la phutadibatana, maidi a temo tsa tshimo tsa batlhaping boo Phuduhutswana, kaa rutile Phuduhutswana go lema masimo mme yare tsatsi le tlhaba ra mo hitlhela a lema motho ,heeee Segaileleee Segaileleee.

Leave a Reply