Leboko la ga Batlhaping ba ga Phuduhutswana

Batlhaping ba ga Phuduhutswana
Batho boo Mmamai
Batho boo Molokedi
Bo Manpidia
ba ba pidiantseng kgomo tsa marefe
Ke digatlhamelamasisi tsa Tlhaping
Kana ba dipelo Kgale Batlhaping
Rumo la bone ga le tlhabe kgomo
Le feta kgomo
Le tlhaba motho
Ke dilemela
Ba thelela le bodiba
Nkile basia Marojana Maesemane
Bale ko tshimong ya Phokwa
Ba basiela bophirima jo bo kgakalakgala
Kwaa ko Ga motlharo
Yare ere bantsha ditlhogo
Ba utlwa tombutombo
ko Ga motlharo

3 thoughts on “Leboko la ga Batlhaping ba ga Phuduhutswana”

Leave a Reply