Ditso tsa Batawana

Morafe o wa Batawana ga e se morafe o o tlhagelelang mo dikgaolong tse dintsi tsa Batswana, e bile ga o itsege thata bogolosegolo mo dikgaolong tsa Batswana tsa kwano Aforikaborwa, fela ke morafe wa Batswana. Bangwe ba dumela gore Batawana ke morafe o o tswang mo Bakweneng, fa bangwe ba dumela gore ba tswa mo Mangwatong. Fela re ka dumelana gore merafe e e umakilweng e nkgisana losika thata gonne Bakwena ke bomogoloe Bangwato, re ka re batho ba le bangwe fela. Jale hee, re ka dumelana gore Batawana ke Bakwena, mme le fa re ka re ke Bangwato, le gone go siame. Mme se re ka se totobatsang ke gore leina “Batawana” le kaya gore ke batho ba ga Tawana, re ka senka dintlha tsa rona go tswa mo moding oo. Kgama o ne a le mogolo mo go Tawana, mme go bonala e kete bobedi jo bo ne bo sa utlwane gonne rraabone o ne a itshupa a rata Tawana thata go feta Kgama, jaanong Kgama o ne a fufela seo gonne a boifa gore Tawana o tlaa mo tseela bogosi jwa Bangwato.

Tlholego ya morafe wa Batawana

Dipolelo di supa gore Batawana ke morafe o o tlholegile mo ngwageng tsa bo1800. Mathiba yo re itseng gore e ne e le kgosi ya Bangwato kwa Sosong, o ne a segofaditswe, gareng ga ba bangwe, ka bana ba le babedi, e leng Kgama le Tawana. Se se re raya se re Tawana yo o bolelwang, ke morwa Mathiba wa Bangwato, jaanong go raya gore Batawana ba tsalwa ke Bangwato. Batawana ke Bangwato ba ba neng fa fuduga kwa Sosong, mme ba fitlha ba thibelela kwa Khedia kwa nokeng ya Botletle gone kwa Botswana.

Khudugo ya Batawana

E ne ya re ka motsi o sele, Tawana le batho ba gagwe ba ne ba fudugela kwa lefatsheng la Makgalagadi kwa majeng a Kgwebe. Ba ne ba fitlha ba ba amoga didiba le lefatshe la bone mme ba thibelela foo gaufi le letsha la Ngami. Batawana ba ne ba ata thata fa ba fitlha kwa Kgwebe, ba ntsifala. Ba ne ba tswelela ka go disa le go lema mabele gammogo le go tsoma. Ba kile ba bogisiwa ke Bakololo ka ditlhaselo le go ba alola ba bo ba ba amoga leruo le go go gapa le go bolaya bontsi jwa bone. Go bolelwa fa ka nako nngwe go kile ga sala palonyana ya bone e e ka fa tlase ga sekete.

Tatelano ya magosi a Batawana

  • Tawana
  • Moremi wa ntlha
  • Sedumedi Makgasana
  • Mokgalajwe
  • Letsholathebe wa ntlha
  • Meno
  • Dithabo
  • Moremi wa bobedi
  • Letsholathebe
  • Sekgathole
  • Mathiba
  • Monnaamaburu
  • Dibolaeng
  • Gaetsalwe
  • Moremi wa boraro
  • Phulani Moremi
  • Letsholathebe
  • Letsholathebe Moremi wa boraro

Leave a Reply