isiXhosaisiXhosa isiZuluisiZulu

Leboko la Baphiring

Diphiri tsa gaabo Kgwaile,Kgwaile wa gaabo Lekatana,Lekatana wa gaabo Ntsie,Ntsie wa gaabo Phetlhe,Dinamane tsa gaabo tlhare sa Mokwena. Mma ke lo bolelele, ba a lo tlakoba,Kana ga ba le tlakobe fela,Ba le tlakoba ba itse le se bonngagalane.Le se bonngagalane le le bankge!Lefa tota le bo lebile,Le bo lebile jaaka phiri e gadimile lerapo.