Diphiri tsa gaabo Kgwaile
Kgwaile wa gaabo Lekatana
Lekatana wa gaabo Ntsie
Ntsi wa gaabo Phetlhe
Dinamane tsa gaabo ‘tlhare sa Mokwena
Mma ke lo bolelele ba a lo tlakoba
Kana ga ba lo tlakobe fela
Ba lo tlakoba ba itse gore ga lo bonngagalane
Lo se bonngagalane lo le bomankge
Le fa tota lo bo lebile
Lo bo lebile jaaka phiri e gadimile lerapo
Se itshieng mebele Mokatana
Kana ke lona Madimako
Mmu wa Bakwena lo o gateng setlou
E re lo araba Bakwena lo re: Mmou, mmou!