Moleti wa matlotla
Modisa wa sope la mmagwe
La ga Seingwaeng a Lekanyana
Yo o theilweng gatwe, lebella
Ke mogolowe, ke Pilane a Pheto
Ke ngwana wa Makuka ka Matlakana
Molefi, feela motse matlakala
Banna ba tsamaye mo go phepa
O kate mesima o e hupelle
Le matlapa a thubjwe, a a re kgopa
A lala a re ribolosa menwana
Ge reya go tshela kwa kgosing
Ke seleleka dipiripitlwa
Dipholo tse di ditlhako ditona
Tse ditlhako di tlalang megopjwana
Di tlalang megopo ya batlhanka
Motlhanka a je a ba a sadise
Molefi ga a tlhabe pholo tse dikgolo
O tlhaba majong le tse di nemeru
O tlhaba tse di rweleng ka dimpa
Bannana ba tle ba je mehungwana
Re utlwile Mokgadi wa ga Serake a mmolella
A mmolella thata a re
Yo o pelo, ngwana ga Kgafela
O fa ka mabedi ngwana a Makuka
Ka la ntsogotlho o tshola bogobe
Ka tsogo la nja a tshola tlhomedi
O tsamaya a ba tlhomelle dinama
A lebe ba ba ntseng kwa kgakala
O bile o itlhaganella baeng
Baeng ke bona ba fiwang pele
Beng ba motse o bafa kwa morago
Batho ba boa letlala moreneng
Fa lekgotleng le legolo la kgosi
Ga baaka ba mfitlhela, Motshwane
O sa potile o ile ntlha ele
O sa etetse kwa Manamakgoteng
O etetse Maribe le Lobakeng
Wa bo a ile go kopa melao
Batla matimela, ngwana a Makuka
Matimela a batho o a gorose
O etse dikgomo o tswa go di batla
O ba fophole ka ditelekaraga
Ba bangwe o utlwala ka kwa Dikapa
O kwalle khomishinara ya Kapa
O re, re batliseng re batla batho
Ba bangwe ba bolelwa ka kwa Natale
Bana le Dikobe ngwana ga Nthite
Bontsi ba bona ba mo Johane
Ka fa Tlhabane go atile basadi
Basadi le bona o ba phuthe ba tle
Bangwe basadi ba tlogetse banna
Ba tlogetse banna ba ba batlile
Go sale gotwe ba ile dirakeng
Ba ile, le tsona ga ba di gorose
Ba romele Machechele a kgosing
Ba itse dikunyane tsa ditoropo
Banna ba paletse kwa Makgoeng
Ba tlogetse basadi ba ba batlile
Basadi le bana ba keta batsofe
Ba letsa borraabo-mogolwane
Ga baa pare, ba iphotlhere fela
Makau a paletse kwa Makgoeng
Gatwe ba nyala bo-seterepikopo
Banyala ka jeno ba tsoge ba tlhala
Ikhunele thari, ngwana a Makuka
O belege masiela a Bakgatla
O reye borrago ba e hunele
O ba belege ka thari ya namane
Ka thari ya namene, pelega-batho
O bo o rapele modimo wa gago
O rapele, yare e nese pula
O tlo o bone khutsana di ropola
Dumela, montsho, moimela-batho
Ngwana a mosadi wa Batlhako, Kgalemi
Kgalemi yo o tsetsweng le basetsana
O tsetswe le Dikolo le Marokeng
A tsalwa le Tshinangwe kwa maropeng
Motho yo o sa mmokeng ke mang?
Yo o sa mmokeng o tla jang?
Abe basadi a ba segele ngati
Ka gobo ba duduetsa Selalome
Banna ba kgatla ba shetla mashetla
Ba phura masufu a a ba abetse
Nna ke phamoletswe ke moeng leshetla
Ke motho ke sa mo itse kwa o go tswang
Bangwe ba rile o tswa kwa Bokalaka
Bamoitse ba rile ke Letamora
Ba mitsitse ka; ‘a o ntupa makaya’
Motlhanka wa gobo e se bosigo
Nkabo nkile ka mo kirikitsa
Ka mo ruthula ka thobane dinoka
Ka mo taila ka selelpe molala
Ra tloga ra pagamisanya dithaba
Yo o sena koto a fetoga tshwene
A ba a sala kwa godimo ga mabjwe
Dumela, mebila metseisa kgope
Kana mafetwa a basadi a ipela
A ntswe a duduetsa phetella
Ba re o tla tsoga a re nyadisa
A re biletsa nna kwa Makgoeng
Dumela, tlogolwana sa kwa Tlhakong
A batho ba ipswina ba-ana-tlou
Bo-RaLotia ba jele monate
Ba kile ba pepetletsa lebotlana
Ba re, Namane ya tau e bonwa ka eng?
Tau e bonwa ka go isa masori
A isitse ditlhogo gabomogolo
Ditlhogo o di isa a sa roletse
O isa ya kgomo e ntse e phela
Dinku o di isa di le thataro
Ga batlhwe ba aja batho ba Tloung
Ga batlhwe ba aja ba labile fela
Disetse di ba batlisa diphafana
Basadi le bona ba anega ngati
MmaKebitseng wa e anega le mogatsa-Sebowe
Ba re, MmaTshutsha o tlaa e sola
Ka moso ge re boa kwa masimong