Leboko la Bangwaketse

Ba ga Mokgalo-o-ThebeBa ga mmila go bobelaBa ga Setlhong ga se huparelweBa ga Heyana-a-henyaBa ga phešana ya moswagadiE tshwarwa ke sokwe le phelaBa ga matshaba le kgomoMatlogela temo e le sefolelaLo tshaba le kgomo lo gopotse kae?

Leboko La Kgosi Sechele I

Rramokonopi wa bo KgosidintsiO tlhotse a konopana le PoulweE rile motshegare Poulwe a lapaGa sala go konopa RramokonopiKwena, utla hutshe ya ngwana wa LeburuO bontshe babina-kgabo botsheloBatle ba tshele ka wena boo RamogotswanaBa go thele madi a kgofa ba feteE be e re dimo a sala a a ja wena wesi fela. Mosimane o manketso-nketsoYare … Read more

Leboko la Bangwato

Dirobaroba tsa Masodi a MphelaDi a robile di sa tla go a lalaTsa sutlha dinamaneE le ‘namane tsoo-NgwatoNamane tsa dikgwaMotlhala ga o bonaleGo bonetse motlhakolanaO leleane tlhagengKau la Mongwato kgalolaLa tÅ¡hotlhwa ke ntÅ¡wa ya kgwaMabolola a ntwengA tswe jaaka lerumoA re go gadima go bonyaMoadira ga a gadimeA bone dira di tlhagaKau leleele ke morwa … Read more

Leboko la Ba-Rangaka: (Radiala)

Ke Motlhabane wa nokana e tshwaana E senang mokgokgotsho Motlhabane wa nokana e tshwaana E senang mokgokgotsho, Ngwana wa gaabo Mmalenala wa Machema. Yo rileng a tswa Moleji A be asa tshabe, Ya re a tla Phokeng a tshabiwa A  tshabiwa ke Ramagono  a Mmusi. A nnare Mmalenala o ntsaya masepa? A nka go tsaya … Read more

Leboko la Sepeke Magano (Pitso)

Ke nna Sepeke sa maboakgwana e re e lelaYa petekanya koduYa kete ke ngwana ya madira a magolo,E tswe e le kgwana ka madira a mannyane.O ntse a re bophepa bo e tlabo tswa ‘tsatsingBo ntse bo jana ka dinalaBo ntse  bo re, bo ra foo re feteRe ye go bona tladi tshwaanaKwa Bote-Sefogole,Kwa tlase … Read more