Leboko La Kgosi Sechele I

Rramokonopi wa bo Kgosidintsi
O tlhotse a konopana le Poulwe
E rile motshegare Poulwe a lapa
Ga sala go konopa Rramokonopi
Kwena, utla hutshe ya ngwana wa Leburu
O bontshe babina-kgabo botshelo
Batle ba tshele ka wena boo Ramogotswana
Ba go thele madi a kgofa ba fete
E be e re dimo a sala a a ja wena wesi fela.

Mosimane o manketso-nketso
Yare fa lekwalo le tla le befile
Le bile le le madi a batho
Le ene a tloge a kwale la gagwe
A le tseye a le neele Selete le Masholobotho
A re, tsayang lo le ise, ke a lapisega
Batho ke ba, ba a re tshwenya
E kete re Barwarraabo
A ga ba bone Bahurutshe Barwarraabo
Ba yare ba anwa kofi ba ba neele mmuru?

Molapo wa ga Nkane a Masilo
Ga o wele ditlai, o welwa gotlhe
Poulwe o o wetse a o lebile
A rototse matlho a ntse ditotwane
Morata-ntwa wa ga Rramashametsi.
O rata ntwa jaaka mosimane
Ga ke reye Mosimane a Mothee,
Ke abo ke raya mosimane a leshane
Noga e ntsho ya bo Kgosidintsi
Ya re letlhokwa le le letala e rate go loma
E itlhomile e ka loma Kgabung
E ka loma monna Rrapudungwane
A re kotlwe a tsena mo legageng
Ka le le marapo a thata.

Kgomodinake, o mmoke, o mo ntlogelele
Nku ga dike di mmuthwa di le pedi
Heela, motlhankane o fetang
O ntse o momomela-momomela
O re, Kgomodinake o mo ntlogelele
O ye go uba meuba
Nku ga dike di mmuthwa di le pedi
Sechele, naya mpswa dikata
E dikate pelo e re tlogele
A golo kwa gaeno kgosi ga diyo?
Yare Modietsho tlhaka di bina a go tshware?

Kana Sechele o bokilwe a dirile eng?
Ntswa e le gone o kabo a bokwa
Motshitshi a bomma le borara
Maloba fa Dimawe o ntshitshitse
O ntshitshitse fa Senamakoleng.
Banna ba motse wa borre wa bo o matha
Dikokwe ke senka Rramatlhabuswane
Ka re, gagana le maabane le kae
Le re le bonyeng reeja mmopudu
A fa jaana ga re ka le fete?

Tshesebe tsa noka ya Polo
Tsa noka ya ga Rramaphathi
Tsa tloga tsa ema diphapha
Tsa ema tsa phaka maselo
Tsa ba tsa amusa ditsetaletse.
Ke konopetse tshilo bodibeng.
Mo kelepeng ya Mmasegaiso
Ka ba ka tsaya motswaiso ka fisa
Ka tsaya ka tebateba ka molelo ka sesikalaba
Re boka Thibedi weno
Rraditsebe wa Mashametsi le Kgakge.

Leave a Reply

Ikwadise mo go FB Ikwadise mo go Whatsapp Ikwadise mo go lekwalodikgang la rona