Leboko la ga Kgosi Sebele

Motjatja mogakatsa malaMore mojewa o botlhokoMokgalo o botlhoko, monna, RrapholotshegaJaana o godile o fetwa felaO ka jewa ke monna o ka moshomola leganoMme re o atla fela, re o epileGa fela bo-shokgo, bo-magorometsa Kgomo kgwana e mo MathubantwengTlogang lo eme lo e kaye, MathubantwaKgomo e padile ka mekao sakengPhatshwana e megala meneKgomo kgwana e mo … Read more

Leboko la ga Kgosi Tshosa

Ngwana wa ntlo ya kgomo mohubiduMosweu oo Dikgotswana a KwenaE rile re bona ba re imeletseMakgwetegane ka ba ga MabudusaRa le tsaya, ra le re tiiLentswe loo Dikgotswana a Kwena Ke gana go bolawa BakgalagadiBasetlhana ba senang di tsa boneNgwana wa dikgomo o ja ba-dikgomo ka eneMotshwana a je batshwana ka ene

Leboko la ga Kgosi Motswasele I

Phologolo ya Botlhapatlou tubaKhunou ya noka ya MetsimotlhabaKe ne kele noka ya Metsimotlhaba, ke ntseKe rile fa ke tlaa mela melapoE mebe e e makgawekgaweBa nkgapela dikgomo tsa ledule Khuduanya ya dikgwa tsa ga TlajwaneGa e a nna ya huduanya dikgwaYa tshwara dikgwa ya di gobera tsotlhe Mmamagana yo o bogale-galeYo o noko tsheu, Tsamai … Read more

Leboko la ga Kgosi Kgakge

Mosimane wa bo-Mosarwa le ButheWa bo-Kgaimena wa GaojeweSeye le mebila, kgomo di gapilweKgomo go gapilwe tsa kgotla ya kgosiTsa kgotla ya gago, Rramaomana Kgomo e lela kwa KolontwanengE lela kwa tengnyanaatengE lela e bitsa makau a kgosiE bitsa bo-Serutha le bo-Chakampetla a MoletsanaE rile ba bona a tlhagisa sefatlhegoBa re, kgomo tseno ke tseoMfifadu, morwa … Read more

Leboko La Bakwena Ba Mogopa

Se tlhapa ka bolele, mosamo wa gago e le motlhaba, se ingwa ka lethlaka la noka e kgolo ya odi. Kwena e ntsho ya ba modiana tau, fifi la Mokwena e ereng etswa e tlholla baimane, e tswe e eme ka maroo kwithing ba re gase ya o di ke ya kwa legapyane Kgagarapa ya … Read more

Leboko La Kgosi Molotlegi Mokgatle

Thella wa Mmanape-a-tshukuduO ‘tlapa le kwa Moremogolo Kgolokwe‘Tlapa le paletse basimane le ThekwaneLe paletse Tlhage morwa RampeteMotho yo tumileng ka dichaba, a tumaA ba tuma le Phiritona go se gaufeRe tlile ra utlwa ka Mokitlane a Lesotho A re, Thella wa Mmanape-a-tshukuduWa bidiwa wa batlwaO batlwa ke basimanyana ba MokgatleBa go batla ba go isa … Read more

Leboko La Kgosi Sechele I

Rramokonopi wa bo KgosidintsiO tlhotse a konopana le PoulweE rile motshegare Poulwe a lapaGa sala go konopa RramokonopiKwena, utla hutshe ya ngwana wa LeburuO bontshe babina-kgabo botsheloBatle ba tshele ka wena boo RamogotswanaBa go thele madi a kgofa ba feteE be e re dimo a sala a a ja wena wesi fela. Mosimane o manketso-nketsoYare … Read more

Ikwadise mo go FB Ikwadise mo go Whatsapp Ikwadise mo go lekwalodikgang la rona