Phologolo ya Botlhapatlou tuba
Khunou ya noka ya Metsimotlhaba
Ke ne kele noka ya Metsimotlhaba, ke ntse
Ke rile fa ke tlaa mela melapo
E mebe e e makgawekgawe
Ba nkgapela dikgomo tsa ledule
Khuduanya ya dikgwa tsa ga Tlajwane
Ga e a nna ya huduanya dikgwa
Ya tshwara dikgwa ya di gobera tsotlhe
Mmamagana yo o bogale-gale
Yo o noko tsheu, Tsamai a Kwena
Mmamagana, kgori, ikudubatse
Phofa tsa gago tsa nthei di tloge
Mosesane o thata o gatela baimanyana