Ngwana wa ntlo ya kgomo mohubidu
Mosweu oo Dikgotswana a Kwena
E rile re bona ba re imeletse
Makgwetegane ka ba ga Mabudusa
Ra le tsaya, ra le re tii
Lentswe loo Dikgotswana a Kwena
Ke gana go bolawa Bakgalagadi
Basetlhana ba senang di tsa bone
Ngwana wa dikgomo o ja ba-dikgomo ka ene
Motshwana a je batshwana ka ene