Leboko la ga Kgosi Kgakge

Mosimane wa bo-Mosarwa le Buthe
Wa bo-Kgaimena wa Gaojewe
Seye le mebila, kgomo di gapilwe
Kgomo go gapilwe tsa kgotla ya kgosi
Tsa kgotla ya gago, Rramaomana

Kgomo e lela kwa Kolontwaneng
E lela kwa tengnyanaateng
E lela e bitsa makau a kgosi
E bitsa bo-Serutha le bo-Chakampetla a Moletsana
E rile ba bona a tlhagisa sefatlhego
Ba re, kgomo tseno ke tseo
Mfifadu, morwa Tsamai a Kwena, motjatja-motsho
Kgomo tsa gago di lekanye bagami
Di lekanye bo Magotlho dithokwana
Tse dingwe di ithwelwe di mo mpeng
Dingwe di etla di abudisa marojana

Sejabanna yo o ditlhabo-tlhabo
O tlhabo tsa diphologolo le batho
Kgomo e tshwewe ka tshidi sefatlhogo
E tshwerwe ka maholo a batlhanka

Leave a Reply

Ikwadise mo go FB Ikwadise mo go Whatsapp Ikwadise mo go lekwalodikgang la rona