Motjatja mogakatsa mala
More mojewa o botlhoko
Mokgalo o botlhoko, monna, Rrapholotshega
Jaana o godile o fetwa fela
O ka jewa ke monna o ka moshomola legano
Mme re o atla fela, re o epile
Ga fela bo-shokgo, bo-magorometsa
Kgomo kgwana e mo Mathubantweng
Tlogang lo eme lo e kaye, Mathubantwa
Kgomo e padile ka mekao sakeng
Phatshwana e megala mene
Kgomo kgwana e mo Mathubantweng
E tlholetse metse go thubega
E tlholetse bo-Ngwato go senyega
Maloba jale re sale kwa Lophepe
Re ne re le makoko re phuthegile
Re le makoko a bo-Kgosidintsi
A bo-Rraditsebe motho a Mokwena
Chona magosana a roroma-roroma
Sebele ke ene a sa roromeng, a re
Nna ga ke rorome, ke a tlhabana
Ka ke bona fatshe le rata go senyega
Kgomo e ntsho mo Mathubantweng
Motho o eme jaaka morukuru
A ba a ema jaaka mokgopha, Sebele
A motho yo o itse go betla lofatsa
O betlile mochawana wa bo-MmaTumagole a Kwena
Kgomo e lela fa Phaphane
Nngwe e lela fa Mokgopeetsane
E lela fa Kgomokasitwa, ke letsele
Ya re dilela tsare, Sebele wee!
Di mmiletsang, wa ga Botshabelo
Di mmiletsang a se pelontle?
Naa e lelelang e se mathe mantle
E lelelang e se mathe a monate?
Go lela ga yone go tlhola dillo
E tlhola lehuma, pitse ya bo-Kgakge
E tlholetse bo-Ngwato go senyega
Motlhang ba hutsa mogolo wa bone
Ba re Macheng o ka swela ga Kgabo
Mme o rile ka o le moitse-go-bopa
Wa tshwara wa kokotletsa motlhakola
Motlhakola o mogolo wa ga Mmaseotisanaga
Gopolang tlheng Manamakgote
Lo bo lo gopole ba ga Mabodisa
Motho yo mongwe wa lona ga a teng
O sa gogetswe ke kwena bodibeng
E ntse e ntsha tlhogo e a lo tlhola
E lala ka mmopo o le mohubidu
E ntse e ikatla dipounama
Mashametsi a ga Mmaphoko a Dira
Fano leina le o le bokile le ile
Ga ba sa tlhwe ba re Letebele
Ga go sa tlholwa go twe Morwa-Machobane
Ba re, ngwana o tsetswe ke Boikanyo
O tsetswe ke Madieletsa a Kgama
O tsetswe ke petlo e e mochao
Petlo bokhula ya marapo
Ga eke e lala gabedi e sa rema
Ba itumetse, bo-Kgari a Sechele
Batho ba tsentse phera bothateng
Ba tsentse phera Mathubantweng
Sephalaoga se na le matsomane
Pitse di kile tsa sia lefalole
Di kile tsa sia Tharodi a Kwena
Tsa sia phefo ya bo-Segotshane
Ya bo-Modietsho ya bo-Telekelo
Bo-Senthufe bo-Kgakge le bo-Kgomodimafshwi
Koo Leforakwena a re aka, a ipata bofula
A re, phologolo ga diyo
Mme thutlwa tse di jang khuti ya Sefoka
A ga dike di bololelwa ke mathwai?
Ba ya go tshaba fa bo-Tshukuduchochwa
Batla ba jele tlhaka mo mangoleng
Ba tshelepanya maoto le ditlhokwa
Ke bua k emo ganela le Rrakgabo
Moepelane le one a goroga
Ka re, namane e itsiwe ke baetsadi
Semese ke ene o ka mo itseng
Ke bona a gogagoga ntsikile
A le seriri sa tau lefalole
Rramfabatho w abo-Kgosidintsi
Yo o seke a a fa nama di disifa
Yo o fa nama di mafura
Batho re dija re itshasa mangole
Le etla lebolaya la ga Sechele
O etla a bolaya, a ba a lesa
O lesitse morwa Kgomo a reboga
Ra re, kgosi e bus aka ban aba merafe