Ka dithata Mokwena ke go tshwantsha le tlhaka ya makau,
Thaka ya makau tlhoka-mphuswana,
Se re o tsamaya wa ntlogela Mokgwatlheng,
O mpitse ke tsamae nao,
Tshweuthata ya ga Molatole,
O ntsenye mo legwafeng ja gago,
O ntsenye kgetseng ke se lerumo
O se re tsamaya wa ntshwabisa
O ntefele ka kgomo ya maina,
Tshweuthata ya ga Mma-Molatole,
Kgotla ya ago ga e na magatlapa,
Le bomalatshwathipane ga bayo,
O lele o kgaotse Mokgwatlheng,
O ka wa lela wa tshosa magatlapa,
Le dikhutsana di ka tla tsa go tshaba
Tshweu tshotswa ya ga Mma-Moabi,
Tlou e matla le tlowana,
O mmutlwa wa selala-monyong,
Solofela boa jwa gago jwa mpa,
O tshweu thata ya ga Mma-Molatole,
Tlou e matla le tlowana,
Tlou kgolo rota o rote o porotle,
Bana ba go nwe hulo la mogolo
Ja mabusapelo, a madutla golo e ileng,
E ileng kgaga kgagana ga matsha,
Ga matsha mothusa motho ga thuse,
Ga tlhatswitse ena