Leboko la Bahurutshe

Mmamokgatiti wa lewa
Tshwene ke naiwa mmeleng
Makopong ga ke naiwe
Ke sirelediwa ke seriba
Tshwene fa di ya masimo
Go eta ditshwenegadi pele
Rothwe a sale kwa morago
A sale a di rotolela
Ke ne ke fudile ka tlatsa
Ka kgopiwa
Ka relele
Ka wa!
Papalo tsa ya le maritse
Matlapa a etsho a borethe
Tseo ke ‘tshwene tsa ga Malope-a-Masilo
Ba ga Sebogodi-a-Menwe-a-Moilwa
Bana ba ‘ntswe la tshwenyane!

17 thoughts on “Leboko la Bahurutshe”

    • Matebele a mantsho a Mamphaka a Monare
      Disisamorokotso namane tsa Rapholofolo
      Dikutwana dithata tsa Manala
      Maja-a-dumaduma makonkonyana a Modimokwane -a-Hwaduba.
      Babinanare kgodumo ya lerole
      Kgodumo e e tlhomang ka tlhogo e tlhasela
      E rile e tlhasela Bakwena More a Lela thata
      Ga e ke e tlhasela e a bo e bone bosula.
      Ba ga Mosetlha ba e itse thata

      Reply
    • Dumela Victor. Re tla batlisisa ka ga leboko la ga Mokgothu. Le gore ba ana eng, ra go naya tshedimosetso eno gona mo webosaite ya rona.

      Reply
    • Dumela o tla fitlhela leboko la ga Batshweneng go na mo webosaiteng ya rona. Re kopa o ntse o etela webosaite ya rona.

      Reply
    • Dumela Sylvia retla go naya tshedimosetso ka lebo la” “Batshweneng”. O seke wa lebala go nna o etela webosaite ya rona.

      Reply
    • Dumela Thabo. Re tla dira diphatliso ka ga leboko la “Mokgopa o Masenya, tshedimosetso o tla fitlhela mo webosaiteng ya rona ka nako e tlang.

      Reply

Leave a Reply