Leboko la Ba-Setshedi sa Magaba-a-Boteng: (Mosetlha)

Leiyane la Ba-Setshedi, Lenyogonyogo, letswala ka pati tsa batho

Ngwana Mmamahura, a theko a tlhaolosa a fiša

Ngwana Mmakosha o binang motshegare,

Bosigo o tshaba baloi ba ba  mosito nmogolo.

Motho wa gaabo Nthwesane

O o riling go resangwa a tlogelwa

A ba a tla reswa ke Lephothotho la Bakwena.

Tilodi ya  Phagama-a-Mankwe,

Magama Kgomo ka bontsi

Setshedi sa magaba-a-boteng

A go ka apaya ka pitsa e tona

A tima Seabe sa Maja-Tladi

O kwaletseng Makapane bogotlhe

Ka morwa Ntebeng wa Bakgatla.

Kgabo tona Tebele.

Ngwana mosadimogolo o tlhako di kopo

Ga ke ipoke ke a dumedisa,

Go ipoka ke gore letlotloba la Mmabowa ba Kgabo.

Setshedi sa Magana go buswa.

1 thought on “Leboko la Ba-Setshedi sa Magaba-a-Boteng: (Mosetlha)”

Leave a Reply