Leboko la Sepeke Magano (Pitso)

Ke nna Sepeke sa maboakgwana e re e lela
Ya petekanya kodu
Ya kete ke ngwana ya madira a magolo,
E tswe e le kgwana ka madira a mannyane.
O ntse a re bophepa bo e tla
bo tswa ‘tsatsing
Bo ntse bo jana ka dinala
Bo ntse  bo re, bo ra foo re fete
Re ye go bona tladi tshwaana
Kwa Bote-Sefogole,
Kwa tlase kwa Matsukubyane,
Mfera wa-Ditau le Ramoroa.
O ntse a re  itlhabanele
Ga o na motlhabanedi
Ngwana ga rrago ke thebe le marumo
ke letlalo fela,
La kgomo ya Ntshimotse-a-Molefe
Motho a gaabo  Makgobong
Yo saleng a tsoga a kgabile,
A ntse a bokwa ke batho,
Ebile a ntse a bokwa ke Makoko a Baphuthing

Metswedi ya leboko: Kgoroeadira, K.O. (1993) The Praise Poetry Of The Bafokeng Of Phokeng.

Leave a Reply