Ke Pilane a malosa
Mmadinale wa ga Motswasejane
Selo se mo kopong ka fa Ditlhotlhe
Se mo kopong ka fa Tswereng
Ba dintlha ba ntse ba se gwaisa
Se gwaisitswe ke ba ga Mabodisa
Se gwaisiwa ke Mmamorogwana
E ne e le mosadi wa Matebele
Se ne se ntsha tlhogo se ba kobola
Se baa se boela ka fa Tswereng
Ka fa kopoopong ka fa Ditlhotlhe
Tau makunya a ga bophalaphala
Phologa kwa mariteng a ditshwene
E kunya e itlhaganela go aba
Yare e fitlha fa Seditwe ya bopa
E pitla lentswe tau ya Mafiri
Batho ke bale ba a kgopjwa ba awa
Babedi bale ba a kgopjwa ba awa
Ba kgopjwa fela ke sale kwa kgakgala
Ke bile ke seso ba atamela
Motlhang go ke atamela, Kimedi
Kimedi wa ga lesojana le manya
Rumo le tlaa ja bobete, Pilane
Wa Mabusolosa a Kgabo
Ntsi e tlaa nwa madi a setatwe
Ga ba a tshaba ba tlogela dinama
Ba tswa dinatshaneng kwa Legogolwe
Banna bo-Motsomi a Mokokwana
Ba tshaba bo-Chalane a Matsubutle
Ba tlogetse dinatshana di pegilwe
Ka fa lerokolong la ga Kgongwane
Makgale o di bega ba di tlogetse
Go rile Nkwatle a sutlha seema
A sutlha ka moratwi, ka Morwamang
Mokgadi le ene a sutlha seema
Ene a sutlha ka MmaTlhabanelo
Nakedi tsa salla mo matlhakung
Le kaka la gologolla nakedi
Di padile mo matlhakung
Pilane ke tlapa la ntswepilwane
Ke tlapa le le bocheledi, Pilane
Ba le tshwari ba tlatloga menwana
Le tshwerwe ke Mabinne a tloga meno
E bile ke sesa se supa baloi
A ka go supa ka sona o ka a swa
Se supile ntona Ramotshidisi
Wa ba ga Masiana a Masilo
A swa a ba a swela ruri, ntona
A tlhoka le goba a rula, ntona
Ramotshedisi a ba ga Masiana
Kgetla mogonono sekgwa sa ga Pheto
Kgetla mogonono o ba gonaganye
Ga ba tlhwe ba konopa ba maotlana
Ba oma ka mekgolela ya dikobe
Ka merepedi ya noka tsa Seditlwe
Molope yo o gapa a sena pere
Yo o sena pitse, Pilane a Pheto
O gapa fela ka dinao, Pilane
Wa Mabusolosa a Kgabo
O ka motse ga Molangwana bosigo
Mogatsa Mankube ke seitei
Ke iteile le mosadi wa gaka
Le Mankube le ngwana ga Bogatsu
Le ngwana ga Taukobong a Mokgwa
Mosadi waga ka a ntshwaella
O tsere nama a bapile le tlhogo
Mosadi wa gaka o tsere letsogo
Moduduetso wa tlhoka moitei
Go bile ga duduetsa Morapedi
Motlhankana wa ga Silolagae
Mme dikgomo tse di tshotsweng ke Bakgatla
Le bana ba ba tsalwang ke Bakgatla
Le mabele a a lengwang ke Bakgatla
Le tshega tse di tswelweng ke Bakgatla
Tsa ga Lebe, tsa ga ngwana ga Bogatsu
O di tlhakanye le morena Pilane