Ke kwena e ntsho ya modiana a tau fifi la Bakwena
E rre fa e tlhola maimane e eme ka maroo
Khwiting kwena e tsene le kgomo bodibeng bontsho
Beng kgomo ba rile ba a okaoka,
Ba pitla madiba le ka magokare
Ba itlhoma ba bonegela bodiba bo kgomo e tseneng ka bona
Monna wa mma tshutsele tshutse yo o rileng a tshela odi a letlana
Ga sutlha kgwana, ga sutlha thamagana e tswe e le kgomo tsa bo Rasekana a Bapo.
Ke kopa leboko la Photsaneng la Baphotsana
Lotso la bakwena ba-mogopa
Mokwena
Ke kopa leboko la balemeno
O seka wa tshwenyega re tla go naya karabo ka ga leboko la ga Balemeno go na mo webosaiteng ya rona. Re kopa o nne o ntse o etela webosaite ya rona.
Ke kopa leboko la Batlhalerwa ko Tweelagate
Dumela Sesupo re kopa o nne o etela webosaite ya rona. Ka nako e tlang re tla netefatsa gore tshedimosetso ka ga leboko la “Batlharelwa” o lefitlhelwa le le teng mo webosaite ya rona.
Leboko la bakwena ba kanana
Re a leboga. Re solofetsa go tsenya ditlhaloso tsa maele ano mo webosaeteng mo nakong e e tlang. Tswelelang lo etele.