Batlharo ke morafe o o tlholegileng e le Bahurutshe ka dingwaga tsa bogologolo mme ba kgaogana le bone go nna morafe o o ikemetseng, ba ntse ba ana Tshwene. Go bolelwa fa se se diragetse mo dingwageng tsa bo1550 ba sa ntse ba le kwa Kaditshwene. Maele yo e neng e le lekawana e bile e le morwa Letsholo, o ne a etelela letsholonyana la makau le basadi mme ba ipapatha le Noka ya Molopo go ya bophirima jwa Kgalagadi go fitlha kwa makgatlhong a dinoka tsa Kudumane, Moshaweng le Molopo. E rile ba fitlha koo ba ne ba ba kgobokanenela fa setlhareng sa Motlhware gone koo go akanya, mme ya re morago ba iphara mo tulong eo ba bo ba ipha bonno gone, ba ipitsa gore ke Batlharo. Ga twe pele ba fitlha kwa gompieno e leng porofense ya ya Bokonebophirima, rraagwe Maele o ne a kile a leka go romela batho go ya go mo senka mme maiteko a bone a itaya fa thoko jaaka tlhobolo ya boijane, ga twe o ne a gana go boela gae. Kudumane e ne e le lefelo kgotsa noka e e neng e reeletswe ka kgosi ya Bakgothu yo o neng a bolawa ke bone Batlharo
Ka ga Kgosi Toto
E rile ka dingwaga tsa bo1800, Makgolokwe a bo e le kgosi ya Batlharo kwa Langeberg gaufi le noka ya Kudumane. Makgolokwe o ne a nna le ngwana wa mosimane a bidiwa Toto, Toto o ne a setse a le mmotlana fa rraagwe a swa.
Ka dingwaga tsa bo1840 le 1850, go bolelwa fa Toto a ne a tlhongwa go nna kgosi ya Batlharo ba ga Phadima le Khidi kwa Langeberg. Motsi o Toto o neng a le kgosi ke ka nako e Basweu ba Borithani ba neng ba gomagomela go gapa mafatshe a Batswana le go a laola. Tota e bile puso ya Basweu e ne e setse e fentse botsalano le dikgosi tsa kwa Mahikeng ga Kgosi Montshiwa, le Taung – ga Kgosi Mankuroane. Go bolelwa fa Toto o ne a le mogaka mo e rileng ya re ka motsi o sele, Kgosi ya Batlhaping kwa Phokwane, Kgosi Galeshewe, a tshabela a ya botshabelo kwa ga Kgosi Toto ka ntlha ya go kgarakgadiwa ke Basweu, mme Kgosi Toto a mo amogela le go mo lwela gonne ba ne ba ganana le gore puso ya Basweu e ba bolaele dikgomo tse ba neng ba re di na le botlhoko. Ga runya ntwa mme Basweu ba ikgogela morago, ya re kwa bofelong ba mo tshwara gammogo le Galeshewe mme ba ba tlhatlheela kwa kgolegong ya setlhakatlhake sa Robben Island, mme ka ntlha ya fa Toto a ne a setse a godile, o ne a tlhokafala ka 1901.
Dikgaogano tsa Batlharo
Ga twe e ne ya re ka dingwa tsa fa Toto o ne a sa ntse a le kgosi ya Batlharo felo gongwe ka bo 1870, Batlharo ba kgaogana ka ntlha ya dintwa le ditlhaselo tsa Maborithani le Maxhosa, bangwe ba tshabela kwa Namibia; bangwe mo motlheng ono ba bidiwa ba ga Phadima le ba ga Motlhware kwa Kurumane; ba ga Masibi le ba ga Khidi kwa Disaneng.
Tatelano ya magosi a Batlharo
- Maele
- Motlhware
- Ngwaisane
- Khidi
- Mosimanyane
- Mokgothu
- Matshabelela
- Makgolokwe
- Toto
- Robanyane Toto
- Bogosing James Toto
- Moraladi Charles Toto
- Kgang-ya-motse Pheneas Toto