Ditso tsa Baphoting

Morafe o wa Baphoting go bolelwa fa e le kala ya bodebi ya morafe wa Bakgatla ba e rileng go kgaogana le Bakgatla ba leba kwa botlhabatsatsi ba bo ba ya go thibelela kwa lefatsheng le gompieno le bidiwang Zwaziland. Ke morafe o o anang Photi ka gore kwa ba fitlhileng ba thibela gone, go ne go tletse diphoti. E rile fa ba goroga kwa Zwaziland, Mazwati ba se ba letle go nna lobaka, e bile ba ne ba ba setse ba ba bitsa gore ke morafe wa Basotho gonne ba ne ba na le meetlo e e tshwanang le ya Basotho ba Lebowa, e leng Bapedi. Ba ne ba tkloga mme ba ya go thibelela kwa lefatsheng la Batlhobi, le teng koo ba ne ba se ka ba tshedisana le bone sentle, mme ba tloga gape e le go leba kwa bophirimatsatsi. Ba ne ba fitlha ba thibelela kwa Orange Free State kwa lefelong le go neng go te ke Witsi’s Hoek. Ba ne ba nna ka lobakanyana mme ba tloga ba ya go nna kwa Heidelberg gaufi le kwa Bafokeng ba neng ba agile gone ka metse e metsana. Baphoting ba ne ba itse gore ke lefatshe la Bafokeng e bile ba ne ba itshupa tlotla mo go bone.

Baphoting ba nyalelana le Bafokeng

Go bolelwa gore morafe o wa Bafokeng o ne o tlotlega thata gongwe le gongwe kwa ba neng ba le gone. Se e ne e se ka ntlha ya diphenyo tsa bone mo dintweng tsa lefatshe, e ne e le ka ntlha ya botlhale jwa bone jo bo neng bo itshupa mo ditirong tsa bone le ka fa ba neng ba tshela ka gone. Kgosi ya Baphoting, Mathula, o ne a nyala morwadia-kgosi ya Bafokeng mme a fiwa tiro mo bogosing jwa Bafokeng go nna moatlhodi wa dikgetse tsa melato. E rile mo tsamaong ya nako, Baphoting ba iphitlhela ba busa kwa kgaolong eo ya Heidelberg, ba bo ba bakisana bogosi ka bobone.

Leave a Reply