Ditoro ka ga moko
Fa o lora moko, go raya gore o tlile go tlhaselwa ke bolwetse jo bo masisi gautshwana.
Fa o lora moko, go raya gore o tlile go tlhaselwa ke bolwetse jo bo masisi gautshwana.
Fa o lora ditlhatshana kgotsa dimela, ke matlhogonolo fa o di ja fela kgotlhang le mathata fa o di kga.
Fa o lora ka lephutse, go kaya dilo tse di maswe go isagong ya gago. O tlile go bogisiwa ke khumanego le bolwetse fa gautshwana.
Fa o lora ka nama ya go besiwa, o tlile go dira tsala e e boikanyo le molemo go wena.
Fa o ka lora diperekisi, go raya gore o tlile go nna le boitumelo botshelong jwa gago.
Fa o ka lora dinamune, o tlile go lebagana le tatlhegelo gautshwana ka gonwe kwa tirong ya gago, botsalanong jwa gago kgotsa matloleng a gago.
Fa o lora disuru, ke sesupo sa go se itumele fa o nyetse mme masego fa o sa nyala.
Fa o ka lora diterebe go kaya gore motho yo o tlileng go mo nyala kgotsa yo o mo nyetseng, o tlile go go tlisetsa lethabo.
Fa o lora ka dipanana, go raya gore o tlile go nna kgotsa bona lethabo fa isagong ya gago.
Fa o lora ka diapolekosi, go raya gore o tlile go bona madi le matlhogonolo.