Ditoro ka ga diapole
Fa o ka lora diapole, go raya gore dilo tse dintle di tseleng ya gago, fela fa o ka di latswa wa fitlhela di le botlha . Seo se raya gore go na le madimabe isagong ya gago.
Fa o ka lora diapole, go raya gore dilo tse dintle di tseleng ya gago, fela fa o ka di latswa wa fitlhela di le botlha . Seo se raya gore go na le madimabe isagong ya gago.
Fa o lora gore o nwa tee, go raya gore dilo tse dintle di tlile go tla go wena gautshwana.
Fa o ka lora ka go nwa mašwi, go raya gore o tlile go nna le matlhogonolo.
Fa o lora ka dimela tsa sebabetsane, ke matlhogonolo, segolobogolo fa di ka go loma. Go raya gore o tlile go atlega ka ntlha ya go dira ka natla ga gago.
Fa o lora gore o neilwe kgotsa o sela madi a a boronse, go raya gore go nako e e thata e e tlang botshelong jwa gago gautshwana.
Fa o ka lora ka poo, ka tlwaelo go kaya dilo tse di sa siamang go isagong ya gago. Go raya gore go tlile go nna le tsietso, kgotlhang le mathata a a tlang go wena, segolobogolo fa e le poo e ntsho.
Fa o khukhuna fa torong ya gago, go raya gore o tlile go bona dikgang tse di bosula gautshwana kgotsa wa lwa le ba o ba ratang.
Fa o lora ka tlhware e go gateletse, go raya gore badimo ba a go tlhaeletsa kgotsa ba go bitsa.