Ditoro ka ga jeli

Fa o lora jeli, o tshwanetse go nna keletlhoko ka gonne go na le kgonego ya kotsi botshelong jwa gago, segolobogolo go tswa mollong kgotsa ka molelo.

Ditoro ka ga matokomane

Fa o lora ka go ja mantokomane, ke sesupo sa boitekanelo le khumo kgotsa katlego fa tatso ya tsona e le monate fela sesupo sa khutsafalo le bolwetse fa a le thata kgotsa bosula.

Ditoro ka ga raese

Fa o lora raese, ike sesupo se se maswe mme go raya gore o tlile go itemogela mathata gautshwana.

Ditoro ka ga isti

Fa o lora ka isti, go raya gore o tlile go bona madi a o neng o sa a solofela gautshwana.

Ditoro ka ga korong

Fa o lora ka korong, go raya gore kgwebo ya gago e tlile go tswelela kgotsa ya go direla madi mme o tlile go bona dilo tsotlhe tse o di eletsang kgotsa batlang.

Ditoro ka ga letswai

Fa o lora letswai, ke sesupo se se siameng mme go raya gore o tlile go bolokega le go sireletsega fa ba bangwe ba boga.

Ditoro ka ga go nwela

Fa o lora o nwetse, ke matlhogonolo. O tlile go lemoga gore dilo tse di go tshwenyang di tlile go nyelela mme balekane ba gago ba tlile go nna molemo le go ikanyega.